Lipesalema 63 - Setswana 1970Dafita o tlhologeletswe Modimo 1 Pesalome ya ga Dafita, a le mo sekakeng sa Juta. 2 Modimo, o Modimo wa me, ke batla wena; mowa wa me o go nyoretswe, nama ya me e go tlhologeletswe mo lefatsheng la komelelo, le le nyorilweng, le le se nang metsi. 3 Ke ne ke go lebile kwa Felong-ga-Boitshepo ka maikutlo a a ntseng jalo, go bona thata ya gago le kgalalelo ya gago. 4 Gonne bopelotlhomogi jwa gago bo molemo go gaisa bophelo. Molomo wa me o tla go baka. 5 Ke tla go tumisa jalo mo botshelong jotlhe jwa me, ke tsholetsa mabogo mo leineng la gago. 6 Mowa wa me o tla kgora jaaka ka moko le mafura; molomo wa me o tla baka ka go duduetsa, 7 fa ke go gopola mo bolaong jwa me; ke akanya ka ga gago ka dinako tsa tebelelo ya bosigo. 8 Gonne o ne o le thuso ya me; ke tla duduetsa mo moriting wa diphuka tsa gago. 9 Mowa wa me o go setse morago, o go kgomaretse; letsogo le le jang la gago le ntshegeditse. 10 Mme bona ba ba ratang go nkisa tshenyegong ke bona ba ba tla fitlhang mo mafelong a a kwa tlase ga lefatshe. 11 Ba tla neelwa mo thateng ya tšhaka; ba tla nna seabe sa diphokojwe. 12 Mme kgosi e tla itumela mo Modimong. Mongwe le mongwe yo o ikanang ka ona o tla belafala; gonne melomo ya ba ba buang maaka e tla thijwa. |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa