Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Lipesalema 62 - Setswana 1970


Boikhutso mo Modimong

1 Pesalome ya ga Dafita e e kwaletsweng moopedisi, e e opelwang ka moopelo wa ga Jeduthune.

2 Mowa wa me o didimaletse Modimo fela; thuso ya me e tswa mo go ona.

3 Ke ona fela lefika la me le thuso ya me le kago ya me ya phemelo; ga nkitla ke tshikinyega thata.

4 Lo tla kgwelogela motho goleele go le kae, lo rata go mmolaya lotlhe, etswe a tshwana le lobota lo lo sekameng le lorako lo lo batlileng go wa?

5 Ba akantse fela go mo diga mo bogolong jwa gagwe; ba natefelwa ke maaka; ka molomo ba a tshegofatsa, mme mo teng ga bona gona ba hutsa. Sela.

6 Didimalela Modimo fela, mowa wa me; gonne se ke se lebeletseng se tswa mo go ona.

7 Kana ke ona lefika la me le thuso ya me; ke kago ya me ya phemelo, ga nkitla ke tshikinyega.

8 Pholoso ya me e mo Modimong le tlotlo ya me; lefika le le thata la me le mo Modimong, le botshabelo jwa me.

9 Ikanyeng ona ka gale, lona batho! Tshololang dipelo tsa lona fa pele ga ona! Modimo ke botshabelo jwa rona. Sela.

10 Ruri, ba babotlana ke ba lefelafela, ba bagolo ke baaki; mo selekanyong ba a tsholetsega, botlhe mmogo ba botlhofo bogolo go pudulo e le nngwe fela ya mowa.

11 Lo se ka lwa ikanya patiko; lo se ka lwa solofelela lefela mo thopong. Fa khumo e ata, lo se ka lwa e kgomarela ka dipelo.

12 Modimo o buile gangwe, nna ke utlwile gabedi gore thata ke ya Modimo.

13 Le bopelotlhomogi ke jwa gago, Morena; gonne o duela mongwe le mongwe ka fa tirong ya gagwe.

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan