Lipesalema 61 - Setswana 1970Kgosi e a tshaba 1 Pesalome ya ga Dafita e e kwaletsweng moopedisi, e e opedisiwang ka kwadi ya dithapo. 2 Modimo, utlwa mekokotlelo ya me, o ele thapelo ya me tlhoko. 3 E a re fa pelo ya me e feletswe, ke goele kwa go wena ke le kwa bokhutlong jwa lefatshe; nkgogele kwa godimo ga lefika le legolo la pholoso, nna ke a palelwa. 4 Gonne o diregile botshabelo jwa me, le turio e e thata ya phemelo kgatlhanong le mmaba. 5 Ke rata go nna ka gale mo tenteng ya gago le go tshabela mo phemelong ya diphuka tsa gago. Sela. 6 Gonne wena, Modimo, o utlwile maikano a me; ba ba boifang leina la gago o ba neile boswa. 7 A ko o oketse malatsi a kgosi ka malatsi; a dinyaga tsa yona di nne go ya tshikatshikeng. 8 A e nne mo sedulong sa bogosi fa pele ga Modimo ka bosakhutleng. Dira gore bopelotlhomogi le boammaaruri di e sireletse. 9 Foo ke tla opelela leina la gago ka go sa feleng, ke dirafatsa maikano a me ka letsatsi lengwe le lengwe. |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa