Lipesalema 60 - Setswana 1970Thapelo ya ga Dafita, a sena go fenngwa 1 Loboko lwa ga Dafita lwa go ruta lo lo kwaletsweng moopedisi, lo lo opelwang ka moopelo wa: “Ledutla la tshupo”. 2 Lo kwadilwe jale fa a tlhabana le Basiria ba Mesopotamia le Basiria ba Soba, fa Joabe a boa, a fenya Baetomo ba le 12 000 mo mokgatsheng wa letswai. 3 Modimo, o re latlhile, o re faladitse; o ne o gaketse, re agise gape. 4 O roromisitse lefatshe, wa le fatoganya. Fodisa thubego ya lone, gonne le a theekela. 5 O bontshitse batho ba gago dilo tse di thata, wa re nosa weine e e theekedisang. 6 Ba ba go boifang o ba neile sefoka gore ba falole mo boreng. Sela. 7 Thusa ka letsogo le le jang la gago, o re utlwe, gore baratiwa ba gago ba gololege. 8 Modimo o buile mo Felong-ga-Boitshepo ga ona wa re: “Ke tla ipela, ke tla kgaoganya Šegeme, ke lekanya mokgatsha wa Sukothe. 9 Gileate ke wa me le Manase ke wa me; Eferaime ke phemelo ya tlhogo ya me, Juta ke thobane ya me ya bogosi. 10 Moabe ke mogopo wa me wa go tlhapela. Setlhako sa me ke se latlhela mo go Etomo; ntudueletsa, wena Felesita.” 11 Ke mang yo o tla nkisang kwa motseng o o thata? Ke mang yo o tla nkgogelang kwa Etomo? 12 A ga se wena, Modimo, o o re latlhileng? Ee, Modimo, ga o bolole le mephato ya rona. 13 Re direle thuso ya go phologa mo mmabeng; gonne thuso ya batho ga se ya sepe. 14 Ka Modimo re tla dira ditiro tsa bonatla, mme ona o tla gataka baba ba rona. |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa