Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Lipesalema 6 - Setswana 1970


Thapelo ya boikwatlhao mo pitlaganong e kgolo

1 Pesalome ya ga Dafita e e kwaletsweng moopedisi; e opedisiwe ka kwadi ya dithapo, e na le kodu ya moporo.

2 Morena, se mpetse ka bogale jwa gago, se nkwatlhae o gaketse.

3 Morena, intshwarele: gonne ke swabile. Morena, mphodise; gonne ke remegile marapo,

4 mowa wa me le ona o reregile thata; mme wena, Morena, o tla nna goleele go le kae?

5 Boa Morena, o pholose botshelo jwa me, o nthuse ka ntlha ya bopelotlhomogi jwa gago.

6 Gonne mo losong ga o gopolwe; ke mang yo o tla go lebogang kwa felong ga baswi?

7 Ke lapile ka go fegelwa ga me, ke edisa bolao jwa me bosigo bongwe le bongwe, ke kolobisa phate ya me ka dikeledi tsa me.

8 Leitlho la me le fifaditswe ke bohutsana, le onetse ka ntlha ya baganetsi botlhe ba me.

9 Ntlogeleng lona lotlhe badiratshiamololo; gonne Morena o utlwile lentswe la selelo sa me.

10 Morena o utlwile mekokotlelo ya me, Morena o amogela thapelo ya me.

11 Baba ba me botlhe ba tla tlhajwa ke ditlhong, ba tshoga thata; ba tla boela kwa morago, ba tlhajwa ke ditlhong ka tshoganyetso.

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan