Lipesalema 59 - Setswana 1970Thuso mo dinokwaneng tse di ikgantshang 1 Loboko lwa ga Dafita lo lo kwaletsweng moopedisi, lo lo opelwang ka moopelo wa: “O se ka wa senya”, lo kwadilwe jale fa Saule a roma go lalela fa ntlong go bolaya Dafita. 2 Modimo wa me, nnamolele mo babeng ba me, o ntshireletse mo go ba ba ntsogelang. 3 Nnamolele mo go ba ba dirang bosula, o nthuse mo banneng ba ba tshololang madi. 4 Gonne bona, ba laletse botshelo jwa me, diganka di a ntlhasela, ke se kgopo, ke sa leofa, Morena. 5 Ba a taboga, ba a ipaakanya, ke se na molato ope. Tsoga go nkgatlhantsha, o bone. 6 Ee, Morena, Modimo wa masomosomo, wena Modimo wa Iseraele, thanya o betse baheitane botlhe, mme o se ka wa itshwarela ope wa baikepi ba boikanyologo. Sela. 7 Ba nne ba boe maitsiboa, ba lele jaaka dintšwa, ba dikologe mo motseng. 8 Bona, ba nyefola ka melomo; ditšhaka di mo melomong ya bona; gonne ba re: “Ke mang yo o utlwang?” 9 Mme wena, Morena, o a ba tshega, o sotla baheitane botlhe. 10 Wena thata ya ka, ke tla go ela tlhoko; gonne wena Modimo o phemelo ya ka. 11 Modimo wa me o tla nkgatlhantsha ka bopelotlhomogi jwa ona; Modimo o tla ntebisa baba ba me ka boitumelo. 12 O se ka wa ba bolaela ruri, gore batho ba me ba tle ba se ka ba lebala. Ba kgarakgatshe ka thata ya gago, o ba dige, wena Morena, thebe ya rona. 13 Boleo jwa bona ke lefoko la melomo ya bona. A ba tshwarwe mo boikgantshong jwa bona, le ka ntlha ya dithogakano le dikako tse ba di buang. 14 Ba nyeletse ka kgakalo, ba nyeletse gore ba se ka ba tlhola ba le yo, mme ba lemoge gore Modimo o busa mo go Jakobe go ya kwa dikhutlong tsa lefatshe. Sela. 15 Ba nne ba boe maitsiboa, ba lele jaaka dintšwa, ba dikologe mo motseng. 16 Ba kgarakgatshegela dijo; fa ba sa kgore, ba a ngongorega. 17 Mme nna ke tla opela ka ga thata ya gago, ke tla dudueletsa bopelotlhomogi jwa gago mo mosong mongwe le mongwe; gonne o ne o le phemelo ya me le botshabelo jwa me ka letsatsi la tlalelo. 18 Wena thata ya me, ke tla go opelela; gonne wena Modimo o phemelo ya me, Modimo o o bopelotlhomogi wa me. |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa