Lipesalema 58 - Setswana 1970Go busolosa baatlhodi ba ba sa siamang 1 Loboko lwa ga Dafita lo lo kwaletsweng moopedisi, lo lo opelwang ka moopelo wa: “O se ka wa senya”. 2 Lona beng ba thata, a ka nnete lo bua tsa tshiamo? A lo sekisa bana ba batho ka tlhamalalo? 3 Nnyaya, lo akantse tshiamololo mo dipelong; lo lekanyetsa batho bokgopo jwa diatla tsa lona mo lefatsheng. 4 Baikepi ba sa le ba tenega go tswa botsalong; ba ba buang maaka ba ntse ba timetse go tswa botsalong. 5 Ba na le botlhole jo bo tshwanang le botlhole jwa noga; ba tshwana le lebolobolo le le bosusu, le le thibetseng ditsebe, 6 le le sa reetseng mantswe a baloi, le fa e le lentswe la moupi yo o rutilweng tsa go upa. 7 Modimo, roba meno a bona mo melomong ya bona; Morena, kgola meno a ditawana. 8 A ba nyelele jaaka metsi a a elang, a ya; fa a hula metsu ya gagwe, a e nne jaaka e e titinegileng. 9 A ba tshwane le kgopa e e gakologang e ntse e gagaba; ba tshwane le sefolotsana se se se kang sa bona letsatsi. 10 E tla re dipitsa tsa lona di ise di utlwe molelo wa setlhare sa mitlwa, ledimo le se gogole, se sa le setala gongwe se setse se tuka. 11 Mosiami o tla itumela, fa a bona pusoloso; o tla tlhapa dinao mo mading a baikepi. 12 Ke gona batho ba tla reng: “Ruri, mosiami o bona tuelo; ruri, Modimo o teng o o atlholang batho mo lefatsheng.” |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa