Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Lipesalema 57 - Setswana 1970


Pelo ya me e a itapolosa

1 Loboko lwa ga Dafita lo lo kwaletsweng moopedisi lo lo opelwang ka moopelo wa: “O se ka wa senya”, jale fa a tshaba Saule, a tshabela kwa logageng.

2 Nkutlwele botlhoko, Modimo, o nkutlwele botlhoko; gonne mowa wa me o batlile botshabelo mo go wena; ke tla batla botshabelo mo moriting wa diphuka tsa gago, go ya madimabe a be a fete.

3 Ke bitsa Modimo, Mogodimodimo, Modimo o o nkhutlisetsang dilo tsotlhe.

4 O tla roma o le kwa legodimong, o mpholosa, fa yo o mpeteletseng a ntshotla. Sela. Modimo o tla roma bopelotlhomogi jwa ona le boammaaruri jwa ona.

5 Ke na le go lala mo gare ga ditau, e bong batho ba ba tukang bogale, ba meno a bona e leng marumo le metsu, ba diteme tsa bona e leng ditšhaka tse di bogale.

6 Modimo, itsholeletse godimo ga magodimo; a kgalalelo ya gago e okame lefatshe lotlhe.

7 Ba thaisitse dikgato tsa me ka letloa, ba obile mowa wa me; ba epile lemena fa pele ga me, ba wetse mo go lone. Sela.

8 Pelo ya me e gomotsegile, Modimo, pelo ya me e gomotsegile. Ke tla opela, ke letsa.

9 Thanya, tlotlo ya me! Tsogang, harepa le kitara! Ke rata go tsosa mahube a moso.

10 Ke tla go baka mo merafeng, Morena, ke go opelela mo ditšhabeng.

11 Gonne bopelontle jwa gago bo bogolo, bo fitlha kwa magodimong, le boammaaruri jwa gago bo fitlha kwa marung.

12 Modimo, itsholeletse godimo ga magodimo, a kgalalelo ya gago e okame lefatshe lotlhe.

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan