Lipesalema 56 - Setswana 1970Kgomotso ya motshabi 1 Loboko lwa ga Dafita lo lo kwaletsweng moopedisi, lo lo opelwang ka moopelo wa: “Leeba la maoka a a kgakala”, lo kwadilwe jale fa Bafelesita ba ne ba mo tshwere kwa Gathe. 2 Modimo, intshwarele; gonne motho o mpeteletse; motlhabani o tlhola a mpitlagantse. 3 Ba ba ntaletseng ba tlhola ba batla go mmetsa; gonne ba bantsi ba ba lwang le nna ka boikgodiso. 4 Motlhang ke boifang, ke tla ikanya wena. 5 Ka thuso ya Modimo ke tla baka lefoko la ona. Ke ikanya Modimo ke sa boife; kana batho ba ka ntirang? 6 Ba tlhola ba sokamisa mafoko a me; megopolo yotlhe ya bona e lebile go ntirela bosula. 7 Ba ikgobokanya, ba a lalela, ba etse direthe tsa me tlhoko, fela jaaka ba ba laletseng botshelo jwa me. 8 A ba ka falola e le baikepi? Modimo, diga merafe ka bogale. 9 Dikgarakgatshego tsa me o di badile, le dikeledi tsa me o di tsentse mo modutwaneng wa gago; kana di mo lokwalong lwa gago. 10 Foo baba ba me ba tla boela kwa morago, motlhang ke tla bitsang. Se ke se itseng ke go re, Modimo o mo ntlheng ya me. 11 Ke rata go boka lefoko la Modimo; ke rata go tumisa lefoko la Morena. 12 Ke ikanya Modimo ke sa boife. Kana motho a ka ntirang? 13 Modimo, ke go ikanetse maikano; ke tla a go dirafaletsa ka ditlhabelo tsa tebogo. 14 Gonne o golotse bophelo jwa me mo losong le dinao tsa me mo go kgotšweng gore ke tsamae fa pele ga Modimo mo leseding la bophelo. |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa