Lipesalema 55 - Setswana 1970Go tshabela kwa sekakeng 1 Sefela sa thuto sa ga Dafita se se kwaletsweng moopedisi, se opedisiwe ka kwadi ya dithapo. 2 Modimo, reetsa thapelo ya me, mme o se ka wa iphitlhela mekokotlelo ya me. 3 Ntlhokomele o nkarabe. Ke kgarakgatshega ka tshwenyego ya me, ke ntse ke duma 4 ka ntlha ya tlhodio ya mmaba, ka ntlha ya kgatelelo ya moikepi; gonne ba ntigela mo tatlhegong, ba lwa le nna ba gaketse. 5 Pelo ya me e hutagana mo teng ga me, dipoitshego tsa loso di nkwetse. 6 Poifo le thoromo di a ntshwara, letshogo le nkhurumeditse. 7 Mme ke ne ka re: “E kete nka bo ke na le diphuka jaaka lephoi, ke ne ke tla fofa, ke ya go nna go sele. 8 Bonang, ke ne ke tla tshabela kwa kgakala, ke nna teng kwa sekakeng. Sela. 9 Ke ne ke tla akofa ke batla botshabelo; ke tshaba phefo ya matsubutsubu, ke tshaba ledimo.” 10 Morena, raraanya dipuo tsa bona, o di tlhakatlhakanye; gonne ke bona tshiamololo le kganetsanyo mo motseng. 11 Bosigo le motshegare ba o potologa ba le mo dipoteng tsa ona, mme mo teng ga ona go tletse boikepo le tapisego. 12 Tshiamololo e mo go ona; mme patiko le tsietso ga di tloge mo patlelong ya ona. 13 Kana ga se mmaba yo o ntshotlang, – nka bo ke itshoka – ga se yo o ntlhoileng, yo o inkgodisetsang, nka bo ke mo iphitlhela. 14 Mme ke wena, motho-ka-nna, tsala ya ka le moikanngwi wa ka, 15 ba re neng re utlwana sentle, re ya kwa Ntlong ya Modimo le masomosomo a batho. 16 A ba welwe ke loso; a ba fologele kwa felong ga baswi ba ntse ba tshela; gonne bosula bo mo maagong a bona, mo teng ga bona. 17 Mme nna ke bitsa Modimo, mme Morena o tla nthusa. 18 Ke tla lela, ke fegelwa maitsiboa le mo mosong le motshegare, mme o tla utlwa lentswe la me. 19 O golola mowa wa me ka kagiso mo tlhabanong e e ntlhasetseng; gonne ba ntikile ka bontsi. 20 Modimo o o sa leng o nna bogologolo mo sedulong sa bogosi o tla utlwa, o ba kokobetsa, ka go se na tlhabologo mo go bona, ba sa boife Modimo. Sela. 21 Mme o ntsheditse ba neng ba agisantse nae diatla, a senya kgolagano ya gagwe. 22 Mafoko a molomo wa gagwe a borethe jaaka sereledi, pelo ya gagwe ke ntwa; dipolelo tsa gagwe di boleta go gaisa lookwane; etswe e le ditšhaka tse di somotsweng. 23 Latlhela tshwenyego ya gago mo Moreneng, mme o tla go tlamela; ga a kitla a leseletsa mosiami ka gope go theekela. 24 Mme Modimo, wena o tla ba digela mo bodibeng jwa tshenyego. Banna ba polao le tsietso ga ba ne ba fitlha fa gare ga dinyaga tsa bona. Mme nna ke ikanya wena. |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa