Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Lipesalema 54 - Setswana 1970


Thapelo ya go emelelana le baba ba ba gaketseng

1 Sefela sa thuto sa ga Dafita se se kwaletsweng moopedisi, se opedisiwe ka kwadi ya dithapo,

2 motlheng ole fa batho ba Sife ba tsile go Saule, ba mo raya ba re: “A Dafita ga a iphitlha fa go rona?”

3 Modimo, nthuse ka leina la gago; o ntshiamisetse ka thata ya gago.

4 Modimo, utlwa thapelo ya me, o reetse mafoko a molomo wa me.

5 Gonne ba ba matepe ba ntsogetse, diganka di batla botshelo jwa me; ga ba gopole Modimo. Sela.

6 Bonang, Modimo ke mothusi wa me; Morena ke ene yo o tshegetsang bophelo jwa ka.

7 O tla busetsa baba ba ka bosula. Ba nyeletse ka fa boammaaruring jwa gago.

8 Ke tla go direla setlhabelo ka pelotshweu; ke tla leboga leina la gago, Morena, gonne le molemo;

9 gonne le nnamoletse mo tlalelong yotlhe, mme leitlho la me le lebile baba ba me ka boitumelo.

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan