Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Lipesalema 53 - Setswana 1970


Boikepo jwa motho
( Pes. 14 )

1 Sefela sa thuto sa ga Dafita se se kwaletsweng moopedisi, se opelwa ka moopelo wa: “Bolwetse”.

2 Lesilo le bua mo pelong ya lone le re: “Modimo ga o yo!” Ba a senya, ba dira tsa bokgopo jo bo maila; ga go ope yo o dirang molemo.

3 Modimo o lebile bana ba batho o le mo legodimong gore o bone fa go le mongwe yo o batlang Modimo.

4 Ba fapogile botlhe, ba senyega mmogo; ga go ope yo o dirang molemo, le e seng a le mongwe fela.

5 A ba ba dirang tshiamololo ga ba na kitso, bona ba ba metsang batho ba me jaaka ba ja senkgwe? Modimo ga ba o bitse.

6 Foo ba tla tshoga mo go boitshegang; gonne Modimo o phatlaladitse marapo a yo o go dikanyeditseng ka ntwa. O ba tlhabisitse ditlhong; gonne Modimo o ba latlhile.

7 E kete pholoso ya Iseraele e ka bo e tla e e tswang mo Sione! E ne e tla re Modimo a fetola tatlhego ya morafe wa gagwe, Jakobe a duduetse, Iseraele a itumele.

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan