Lipesalema 52 - Setswana 1970Go latlhega loleme lwa tsietso 1 Sefela sa thuto sa ga Dafita se se kwaletsweng moopedisi, 2 jale fa Doege wa Moetomo a tla go Saule, a mmolelela a re: “Dafita o tsenye mo ntlong ya ga Ahimelege.” 3 O ipokelang ka bosula, seganka ke wena? Bopelotlhomogi jwa Modimo bo nnetse ruri. 4 Motsietsi ke wena, loleme lwa gago lo loga maano a tshenyo, jaaka logare lo lo looditsweng. 5 O rata bosula bogolo go molemo; o rata maaka bogolo go boammaaruri. Sela. 6 O kgatlhwa fela ke mafoko a a senyang, loleme lwa tsietso ke wena. 7 Ka moo, Modimo o tla go digela ruri, o go tshwara, o go swatola mo tenteng ya gago; o tla go kumola ka medi mo lefatsheng la baphedi. Sela. 8 Basiami ba tla bona, ba boifa; mme ba tla mo tshega ba re: 9 “Bonang, monna su, yo o sa dirang Modimo botshabelo jwa gagwe, mme o ikantse bogolo jwa khumo ya gagwe, a ithatafatsa ka bopelotshetlha jwa gagwe.” 10 Mme nna ke tshwana le motlhware o motalatala mo Ntlong ya Modimo. Ke ikantse bopelotlhomogi jwa Modimo ka gale le ka bosakhutleng. 11 Ke tla go baka ka gale, ka o dirile jalo; ke tla lebelela leina la gago; gonne le molemo fa pele ga barategi ba gago. |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa