Lipesalema 51 - Setswana 1970Thapelo ya boikwatlhao jwa ga Dafita 1 Pesalome ya ga Dafita e e kwaletsweng moopedisi, 2 jale fa moporofeti Nathane a tla kwa go ene, Dafita a sena go tsena kwa go Batsheba. 3 Modimo, intshwarele ka fa bopelotlhomoging jwa gago, o phimole ditlolo tsa me ka fa boutlwelong-botlhoko jo bogolo jwa gago. 4 Ntlhapise sentle, o tlose tshiamololo ya me, o intshekise boleo. 5 Gonne ditlolo tsa me ke a di itse, boleo jwa me bo fa pele ga me ka gale. 6 Ke wena o le nosi fela yo ke go leofetseng, ka dira se mo matlhong a gago se leng bosula, gore e re fa o bua, o fitlhelwe o siame, mme o le phepa, fa o atlhola. 7 Bona, ke tsaletswe mo tshiamololong, mme mmê o nkamogetse mo boleong. 8 Bona, o natefelwa ke boammaaruri jwa pelo, o nkitsise botlhale mo go sa itsiweng. 9 Ntlose boleo ka mosiama gore ke itsheke; ntlhapise gore ke nne mosweu go gaisa semathana. 10 Nkutlwise boitumelo le thabo; a marapo a o a robileng a duduetse. 11 Fitlhela maleo a me sefatlhego sa gago; o phimole ditshiamololo tsa me tsotlhe. 12 Modimo, mpopele pelo e e itshekileng, o ntšhwafatse mowa o o tlhomameng mo teng ga me. 13 O se ka wa ntatlha fa pele ga sefatlhego sa gago; se tlose Mowa o o Boitshepo wa gago mo go nna. 14 Mpusetse boitumelo jwa pholoso ya gago, o ntshegetse ka mowa o o phuthologileng. 15 Batlodi ke tla ba ruta ditsela tsa gago gore baleofi ba sokologele kwa go wena. 16 Modimo, nkgolola mo molatong wa go tsholola madi, Modimo wa pholoso ya me, mme loleme lwa me lo tla dudueletsa tshiamo ya gago. 17 Morena, bula molomo wa me gore o bolele tumiso ya gago. 18 Gonne ga o natefelwe ke setlhabelo – nka bo ke se ntsha – ga o kgatlhwe ke setlhabelo sa phiso. 19 Ditlhabelo tsa Modimo ke mowa o o kgobegileng. Wena Modimo, ga o kitla o nyatsa pelo e e kgobegileng, e e phatlogileng. 20 Direla Sione molemo ka fa natefelong ya gago; aga dipota tsa Jerusalema. 21 Foo o tla natefelwa ke ditlhabelo tsa tshiamo, e leng tsa phiso le tse di fisiwang gotlhe. Foo ba tla tlhabela dipoo mo aletareng ya gago. |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa