Lipesalema 50 - Setswana 1970Tirelo-Modimo ya nnete 1 Pesalome ya ga Asafe. Modimo Morena yo o thata o a bua, o bitsa lefatshe go tswa kwa botlhabatsatsi go ya kwa bophirimatsatsi. 2 Modimo o tswa ka phatsimo kwa Sione yo o tletseng bontle. 3 Modimo wa rona o e tla, mme ga o ka ke wa didimala; molelo o o nyeletsang o fa pele ga ona, mo tikologong ya ona go suma phefo e kgolo. 4 O tlhaeleletsa kwa legodimong kwa godimo le kwa lefatsheng go sekisa morafe wa ona wa re: 5 “Mphuthelang baratwa ba me ba ba dirileng kgolagano le nna ka setlhabelo.” 6 Magodimo a bolela tshiamo ya ona; gonne Modimo ke ona o o atlholang. Sela. 7 “Reetsang, batho ba me, ke rata go bua, Iseraele; ke tle ke supe ke go tiisetse gore ke nna Modimo, Modimo wa gago. 8 Ga ke go kgalemele ka ntlha ya ditlhabelo tsa gago; kana ditlhabelo tsa phiso tsa gago di ntse di le fa pele ga me ka gale. 9 Ga go batlege gore ke tsee poo mo sakeng la gago, le e seng diphoko kwa morakeng wa gago. 10 Gonne diphologolo tsotlhe tsa sekgwa ke tsa me, le ditshedi kwa dithabeng ka dikete. 11 Ke itse dinonyane tsotlhe tsa loapi le tse di phelang mo nageng: Ke tsa me. 12 Fa nka tshwarwa ke tlala, ga nka ke ka go kopa; gonne lefatshe lotlhe ke la me le tse di tletseng mo go lone. 13 A ke ja nama ya dipoo, a ke nwa madi a diphoko? 14 Ntshetsa Modimo setlhabelo sa tebogo ya pelo, o dirafatse maikano a o a ikanetseng Mogodimodimo. 15 O mpitse ka letsatsi la tlalelo; ke tla go namolela, mme o tla nkgalaletsa.” 16 Mme moikepi ena, Modimo o mo raya o re: “O balelang melao ya me le go bua kgolagano ya me ka molomo wa gago, 17 etswe o tlhoile kwatlhao, mme mafoko a me o a latlhela kwa morago ga gago? 18 Fa o bona legodu, o kgatlhwe ke go nna nalo, mme o tlhakanela boleo le baakafadi. 19 Molomo wa gago ò o letlelela go bua bosula, loleme lwa gago lo loga maano a tsietso. 20 O nnetse go seba morwa-rraago; o pateletsa ngwana wa ga mmaago. 21 Dilo tse o di dirile, mme ka didimala. Wa ithaya wa re, ke tshwana fela le wena; ke tla go supetsa, ke di baya fa pele ga matlho a gago. 22 Tlhokomelang tlhe dilo tseo, lona ba lo lebalang Modimo, gore ke se ka ka gagoganya, mme ga tlhokwa yo o pholosang. 23 Yo o ntshang setlhabelo sa tebogo ya pelo o a ntlotla; yo o tlhokomelang tsela ke tla mo naya gore a bone pholoso ya Modimo.” |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa