Lipesalema 49 - Setswana 1970Thata ya loso 1 Pesalome ya boora Kora e e kwaletsweng moopedisi. 2 Utlwang dilo tse, lona merafe yotlhe; reetsang lona lotlhe, ba lo agileng mo lefatsheng, 3 ba babotlana le ba bagolo, bahumi le bahumanegi mmogo; 4 molomo wa me o tla bua botlhale, mme se pelo ya me e se akanyang ke tlhaloganyo. 5 Ke tla sekegela seane tsebe; thabalakane ya ka ke tla e ranola ka harepa. 6 Kana ke tla boifelang mo malatsing a tlalelo, fa boikepo jwa basenyetsi ba me bo ntikanyeditse, 7 jwa bona ba ba ikantseng letlotlo la bona, ba belafalela khumo e kgolo ya bona? 8 Ga go na ope yo o ka rekololang morwa-rraagwe, le fa e le go ntshetsa Modimo tefo e e mo gololang – 9 gonne thekololo ya botshelo jwa gagwe e kgolo thata, mme o tla tlhobogela ruri go e ntsha – 10 gore a phelele ruri ka bosakhutleng, a se bone tshenyego. 11 Gonne go bonwa gore batlhalefi ba a swa; masilo le ba ba se nang tlhaloganyo ba nyelela mmogo, mme khumo ya bona ba e tlogelela ba sele. 12 Diphupu tsa bona ke tsone matlo a bona ka gale, ke maago a bona go ya tshikatshikeng, le fa ba ne ba taya mafatshe maina a bona. 13 Kana motho ga a nnele ruri mo bontlengtleng; o tshwana le diphologolo tse di nyelelang. 14 Ke yona tsela ya ba ba iikanyang le ya balatedi ba bona ba ba kgatlhwang ke mafoko a bona. Sela. 15 Ba fologela kwa felong ga baswi jaaka dinku tlhabong, loso ke modisa wa bona; ba tlhamalalela kwa lebitleng, popego ya bona e tla nyelela mo mosong, felo ga baswi e tla nna boago jwa bona. 16 Mme nna, Modimo o tla golola mowa wa me mo thateng ya felo ga baswi, gonne o tla ntshola. Sela. 17 O se ka wa boifa, fa motho a huma, fa kgalalelo ya ntlo ya gagwe e totafala. 18 Gonne e tla re fa a swa, a se ke a ye le sepe sa tseo tsotlhe; kgalalelo ya gagwe ga e nke e mo sala morago. 19 Le fa a ipoka mo bophelong jwa gagwe a re o tlhogonolo – kana batho ba a go boka, fa o iphelela monate – 20 o tla ya kwa losikeng lwa borraagwe ba ba se kitlang ba bona lesedi ka bosakhutleng. 21 Motho yo o phelang mo bontlengtleng, mme a se na tlhaloganyo, o tshwana le diphologolo tse di nyelelang. |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa