Lipesalema 48 - Setswana 1970Sione ke motse wa kgosi e kgolo 1 Pesalome e e leng sefela sa boora Kora. 2 Morena o mogolo, mme o na le go tlotlwa thata mo motseng wa Modimo wa rona, mo thabeng ya ona e e boitshepo. 3 E ntle, thaba ya Sione, ka go gola ga yone; e itumelelwa ke lefatshe lotlhe. Ntlheng ya bokone go motse wa kgosi e kgolo. 4 Modimo o ikitsisitse mo matlong a ona a borena, fa e le ona tshireletso. 5 Gonne, bona, dikgosi di ne tsa phuthega, tsa bolola mmogo. 6 E rile di tlhoma di bona, tsa tlhoka puo, tsa tshoga, tsa tshaba ka poifo. 7 Thoromo e ne ya di tshwara teng, le botlhoko jwa di tshwara jaaka leralalo la mmelegi. 8 O thuba dikepe tsa Tharesise ka phefo ya botlhabatsatsi. 9 Re bonye mo motseng wa Morena wa masomosomo, mo motseng wa Modimo wa rona jaaka re utlwile: Modimo o tla o tlhomamisa go ya bosakhutleng. Sela. 10 Modimo, re gopola bopelotlhomogi jwa gago mo Tempeleng ya gago. 11 Modimo, tumiso ya gago e fitlha kwa mafelelong a lefatshe fela jaaka leina la gago; seatla se se jang sa gago se tletse tshiamo. 12 A thaba ya Sione e itumele, a bomorwadia Juta ba duduetse ka ntlha ya dikatlholo tsa gago. 13 Dikologang motse wa Sione, lo o potologeng, balang diturio tsa ona. 14 Elang dipota tsa phemelo tsa ona tlhoko, ralalang matlo a borena a ona gore lo tle lo bolelele losika lo lo tlang lo re: 15 Modimo o ke Modimo wa rona ka gale le ka bosakhutleng; o tla re goga go ya losong. |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa