Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Lipesalema 47 - Setswana 1970


Modimo o tlhatloga ka tuduetso

1 Pesalome ya boora Kora e e kwaletsweng moopedisi.

2 Lona merafe yotlhe, opang diatla, dudueletsang Modimo ka kopelo ya maipelo!

3 Gonne Morena Mogodimodimo o a boitshega; ke kgosi e kgolo mo lefatsheng lotlhe.

4 O digela merafe fa tlase ga rona le ditšhaba fa tlase ga dinao tsa rona.

5 O re tlhophela boswa jwa rona, boipelafalelo jwa ga Jakobe yo a mo ratileng. Sela.

6 Modimo o tlhatloga ka tuduetso, Morena o tlhatloga ka tumo ya phala.

7 Opelelang Modimo pako, o opeleleng; opelelang kgosi ya rona pako, opelang!

8 Gonne Modimo ke kgosi ya lefatshe lotlhe; opelang sefela se se utlwalang.

9 Modimo o busa merafe; Modimo o ntse mo sedulong sa bogosi sa ona se se boitshepo.

10 Batlotlegi ba merafe ba phuthegile, e bong batho ba Modimo wa ga Aborahame; gonne dithebe tsa lefatshe ke tsa Modimo, o mogolo bogolo.

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan