Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Lipesalema 46 - Setswana 1970


Modimo ke botshabelo

1 Sefela sa boora Kora se se kwaletsweng moopedisi, se opelwa ka lentswe la motenyane.

2 Modimo ke botshabelo jwa rona le thata ya rona; o itshupile gantsi e le thuso mo ditlalelong.

3 Ke gona ka moo re sa boifeng, le fa lefatshe le ka roroma, le fa dithaba di ka kgokgoetsegela mo botennye jwa lewatle;

4 le fa metsi a lone a ka gwasa, a phoka lefulo, le fa dithaba di ka roroma ka go gogomoga ga lone. Sela.

5 Dikelelo tsa noka di itumedisa motse wa Modimo, e bong Felo-ga-Boitshepo a maago a Mogodimodimo.

6 Modimo o mo teng ga ona, ga o kitla o tshikinyega; Modimo o a o thusa, fa bosigo bo sa.

7 Merafe e ne e tsosa moferefere, magosi a reketla; wa dumisa maru a ona, mme lefatshe la roroma.

8 Morena wa masomosomo o na le rona, Modimo wa ga Jakobe ke botshabelo jwa rona. Sela.

9 Tlayang lo lebe ditiro tsa Morena yo o dirang setlhogo mo lefatsheng;

10 yo o khutlisang dintwa go ya kwa bokhutlong jwa lefatshe; yo o robang bora, a robaganye lerumo, a fise dikoloi tsa ntwa ka molelo!

11 “Khutlang lo itse, fa ke le Modimo; ke mogolo mo merafeng, ke mogolo mo lefatsheng.”

12 Morena wa masomosomo o na le rona, Modimo wa ga Jakobe ke botshabelo jwa rona. Sela.

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan