Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Lipesalema 45 - Setswana 1970


Sefela sa nyalo ya kgosi

1 Pesalome ya boora Kora ya thuto e e kwaletsweng moopedisi e e opelwang ka moopelo wa: “Madutla”. Sefela sa lorato.

2 Pelo ya me e fofoma ka polelo e e monate. Ke tlhabela kgosi loboko lwa me; loleme lwa me ke sekwadi sa mokwadi yo o bobebe.

3 O montle thata go gaisa bana ba motho; natefo e tshetswe mo melomong ya gago; ke gona ka moo Modimo o go tshegofaditseng ka bosakhutleng.

4 Itlame letheka ka tšhaka ya gago, wena mogale; e bong ya borena jwa gago le kgalalelo ya gago.

5 Kgalalelong ya gago o tlhogole, o bolole go lwela boammaaruri le boikokobetso le tshiamo; mme a letsogo le le jang la gago le go rute ditiro tse di boitshegang.

6 Metsu ya gago e looditswe, e tlhaba dipelo tsa baba ba kgosi. Merafe e wela fa tlase ga gago.

7 Sedulo sa bogosi sa gago, Modimo, ke sa ka gale le sa bosakhutleng. Thobane ya bogosi jwa gago ke thobane ya tshiamo.

8 O rata tshiamo, mme tshiamololo o e tlhoile; ke gona ka moo, Modimo, Modimo wa gago o go tloditseng lookwane lwa boitumelo go gaisa balekane ba gago.

9 Diaparo tsotlhe tsa gago di nkga mera le mokgwapha le mookana fela, dipina tsa dikwadi tsa dithapo di go itumedisa, di utlwala mo matlong a borena a dinaka tsa tlou.

10 Bomorwadia dikgosi ba kgabile mekgabo e mentlentle ya gago; mohumagadi o eme fa letsogong le le jang la gago, a kgabile ka gouta ya Ofire.

11 Reetsa, morwadiaka, o bone, o sekege tsebe: Lebala morafe wa ga eno le lelapa la ga rraago.

12 Mme fa kgosi e eletsa bontle jwa gago, ka e le mong-wa-go, o mo ikobele.

13 Mme bomorwadia Tiro ba tla batla go go kgatlha ka dineo, bona ba ba humileng bogolo mo bathong.

14 Morwadia kgosi yo o mo teng o tletse kgalalelo fela; diaparo tsa gagwe di logilwe ka ditlhale tsa gouta.

15 O isiwa kwa kgosing a apere diaparo tsa melogo e e mebalabala; makgarebe, baetleetsi ba gagwe, a isiwa kwa go wena.

16 A isiwa ka boitumelo le meduduetso, a tsena mo ntlong ya kgosi.

17 Mo boemong jwa borraago go tla ema bomorwao. O tla ba tlhoma go nna dikgosana mo lefatsheng lotlhe.

18 Ke tla itsise leina la gago mo ditshikatshikeng tsotlhe; ka moo merafe e tla go galaletsa ka gale le ka bosakhutleng.

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan