Lipesalema 44 - Setswana 1970Selelo sa babogisiwi 1 Sefela sa thuto sa boora Kora se se kwaletsweng moopedisi. 2 Modimo, re utlwile ka ditsebe, borraetsho ba re boleletse ba re, o dirile tiro mo metlheng ya bona, malatsing a bogologolo. 3 O lelekile merafe ka letsogo la gago, mme bona wa ba tlhoma; o sentse ditšhaba, mme bona wa ba anamisa. 4 Gonne ba ruile lefatshe, e seng ka marumo a bona, e bile ga se mabogo a bona a a ba neileng phenyo; mme ke seatla sa gago se se jang le letsogo la gago le lesedi la sefatlhego sa gago; gonne o ne o natefelwa ke bona. 5 Modimo, ke wena kgosi ya me; laolela Jakobe diphenyo. 6 Re tla diga baganetsi ba rona ka wena; ba ba re tsogelang re tla ba gataka ka leina la gago. 7 Gonne ga ke ikanye bora jwa me, le tšhaka ya me ga e nke e mpha phenyo. 8 Mme ke wena o re namolang baba, o tlhabisa ba ba re tlhoileng ditlhong. 9 Re tla ipelafatsa ka gale ka Modimo; re baka leina la gago ka bosenabokhutlo. Sela. 10 Le fa go ntse jalo o re latlhile, wa re tlhabisa ditlhong, mme ga o a bolola le mephato ya rona. 11 O re katisa ka morago fa pele ga mmaba, mme ba ba re tlhoileng ba thopa di-tsa-rona. 12 O re abetse go tlhajwa jaaka dinku; o re faladitse mo merafeng. 13 O rekisitse batho ba gago ka tlhwatlhwa e e seng ya sepe; wa se ka wa bapala sepe ka tlhwatlhwa ya bona. 14 O re dira nyatsego mo go ba re bapileng nabo, le tshotlo le setshego mo go ba ba tikologong ya rona. 15 O re dira seane mo ditšhabeng, re ba ba thukhuthelwang ditlhogo ke merafe. 16 Tshotlego ya me e eme fa pele ga me ka gale; ditlhong tsa sefatlhego sa me di nkhurumeditse 17 ka ntlha ya go utlwa mosotli le mokgadi, le ka ntlha ya go bona mmaba le moipusolosetsi. 18 Tsotlhe tseo di re wetse, etswe re sa go lebala le e seng go ikanyologa kgolagano ya gago. 19 Dipelo tsa rona ga di a ka tsa kata ka morago, le dinao tsa rona ga di a ka tsa fapoga tsela ya gago. 20 Le fa go ntse jalo o re papetletse mo mafelong a diphokojwe, wa re khurumetsa ka moriti wa loso. 21 Fa re ka bo re lebetse leina la Modimo wa rona, gongwe ra otlololela modimo wa seeng mabogo, 22 a Modimo o ka bo o sa go tlhotlhomisa, ka e le ona o o itseng se se fitlhegileng mo pelong? 23 Mme re tlhola re bolawa ka ntlha ya gago, re kaiwa jaaka dinku tsa tlhabo. 24 Thanya, Morena! O robaletseng? Tloga o eme, o se ka wa re latlhela ruri. 25 O fitlhelang sefatlhego sa gago, o lebalelang pogisego ya rona le patikego ya rona? 26 Gonne mewa ya rona e obegetse mo loroleng, mebele ya rona e kgomaretse mmu. 27 Nanoga o re thuse, o be o re golole ka ntlha ya bopelotlhomogi jwa gago. |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa