Lipesalema 43 - Setswana 1970Go solofela mo Modimong 1 Nkatlhole, Modimo, o nkemele mo tshekong ya me le batho ba ba se nang lorato, o nkgolole mo bathong ba tsietso le ba tshiamololo. 2 Gonne ke wena Modimo wa botshabelo jwa me. Mme o ntatlhetseng? Ke ka ntlhaang, fa ke tsamaya ke hutsafetse ka go bogisiwa ke mmaba? 3 Romela lesedi la gago le boammaaruri jwa gago; a di nkgoge, di nkise kwa thabeng ya gago e e boitshepo le kwa maagong a gago 4 gore ke fitlhe kwa aletareng ya Modimo, kwa Modimong wa boitumelo jwa me jo bo ntuduedisang, le go go baka ka harepa, Modimo, Modimo wa me. 5 O obegetseng, mowa wa me, o huduegelang mo teng ga me? Solofela mo Modimong; gonne ke tla ba ke o leboga ka e le ona thuso ya sefatlhego sa me le Modimo wa me. |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa