Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Lipesalema 42 - Setswana 1970


KAROLO YA BOBEDI, DIPESALOME 42 – 72 Go tlhologelelwa Modimo

1 Sefela sa thuto sa boora Kora se se kwaletsweng moopedisi.

2 Mowa wa me o lelela go wena Modimo, jaaka tholo e lelela metsi a melatswana.

3 Mowa wa me o nyorelwa Modimo, Modimo o o tshelang. Ke tla fitlha leng teng gore ke bonale fa pele ga sefatlhego sa Modimo?

4 Dikeledi tsa me ke dijo tsa me bosigo le motshegare, ka ba tlhola ba nthaya ba re: “Modimo wa gago o kae?”

5 Dilo tse ke tla nna ke di gopola, ke tsholola mowa wa me mo teng ga me, jaaka ke ne ke tle ke ye le bontsi jwa batho, ke ba gogela kwa Ntlong ya Modimo, ka lentswe la tuduetso le la tebogo – lesomo le le itumelelang moletlo.

6 O obegetseng, wena mowa wa me, o huduegelang mo teng ga me? Solofela mo Modimong; gonne ke tla ba ke o lebogela thuso ya sefatlhego sa ona.

7 Modimo wa me, mowa wa me o obegile mo teng ga me, ke gona ka moo ke go gopolang, ke le mo lefatsheng la Joretane le mo dithabeng tsa Heremone le Misare.

8 Morwalela o tlhaeleletsa morwaleleng ka kgwaso ya maphothophotho a gago; makhubu otlhe a gago le maphothophotho a nkhurumeditse.

9 Mme Morena o nthomela boutlwelo-botlhoko jwa gagwe motshegare, ke na le sefela sa gagwe bosigo, e bong thapelo go Modimo wa bophelo jwa me.

10 Ke rata go botsa Modimo, lefika la me, ke re: “O ntebaletseng? Ke ka ntlha ya eng, fa ke tsamaya ke hutsafetse ka go bogisiwa ke mmaba?”

11 Tshotlo ya baganetsi ba me e ntlhaba jaaka lerumo mo marapong, fa ba tlhola ba nthaya ba re: “Modimo wa gago o kae?”

12 O obegetseng, wena mowa wa me, o huduegelang mo teng ga me? Solofela mo Modimong; gonne ke tla ba ke o leboga, ka e le ona thuso ya sefatlhego sa me le Modimo wa me.

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan