Lipesalema 41 - Setswana 1970Thapelo mo bolwetseng 1 Pesalome ya ga Dafita e e kwaletsweng moopedisi. 2 Go sego motho yo o babalelang yo o kwa tlase; Morena o tla mo thusa ka letsatsi la tlalelo. 3 Morena o tla mmoloka, a mo phedisa; o tla kaiwa yo o sego mo lefatsheng; a ko o se mo neele mo keletsong ya baba ba gagwe. 4 Morena o tla mo oka mo diphateng tsa bolwetse; o fetola bolwetse jotlhe jwa gagwe mo bolaong. 5 Ke rile: “Morena, nkutlwele botlhoko; fodisa mowa wa me; gonne ke go leofetse.” 6 Baba ba me ba bua bosula ka ga me ba re: “O tla swa leng, leina la gagwe la nyelela?” 7 Mme e a re fa mongwe a tsile go ntekola, a bue maaka; pelo ya gagwe e ikgobokanyetse dilo tse di bosula; e re a tswela kwa ntle, a di bolele. 8 Botlhe ba ba ntlhoileng ba sebelana ka ga me, ba nkeleletsa bosula ba re: 9 “O tshetswe bolwetse jo bo setlhogo; mme jaanong yo o namaletseng jalo ga a nke a tlhola a tsoga.” 10 Tota le monna yo ke tsalanyeng nae, yo ke mo ikantseng, yo o jang dijo tsa me, o ntsholeleditse serethe. 11 Mme wena, Morena, a o ko o nkutlwele botlhoko, o ntsose gore tseo ke tle ke di ba busetse. 12 Se ke itseng ka sona gore ke a go kgatlha ke fa mmaba wa me a sa ntudueletse. 13 Mme nna o ntshegeditse, ka ke se na molato, o nkemisa fa pele ga sefatlhego sa gago ka bosakhutleng. 14 A Morena, Modimo wa Iseraele, a bakwe go tswa bosasimologeng go ya bosakhutleng. Amen, ee, a go nne jalo! |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa