Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Lipesalema 40 - Setswana 1970


Go sego motho yo o ikanyang Morena

1 Pesalome ya ga Dafita e e kwaletsweng moopedisi.

2 Ke lebeletse Morena ka tlhologelelo; mme a itshekamisetsa go nna, a nkutlwa ke goela thuso.

3 A ntshwatola mo moleteng wa tshenyego, mo maragarageng a seretse, a tlhoma dinao tsa me mo lefikeng, a tlhomamisa dikgato tsa me.

4 O ntsentse sefela se sešwa mo molomong, sefela sa go baka Modimo wa rona. Bantsi ba a bona, ba a boifa, ba ikanya Morena.

5 Go sego monna yo o ikanyang Morena, a sa fapogele kwa baikgantshing le kwa baikeping ba maaka.

6 O re diretse dilo di le dintsi, Morena, Modimo wa me, dikgakgamatso tsa gago le megopolo ya gago; ga go yo o ka tshwantshiwang le wena. Fa nka rata go di itsise le go di bolela, go ka feta mo nka balang.

7 Ga o kgatlhwe ke setlhabelo le tshupelo. O nthibolotse ditsebe. Ga o batle setlhabelo sa phiso, le fa e le sa boleo.

8 Foo ke ne ka re: “Bona, ke e tla, go kwadilwe ka ga me mo lokwalong.

9 Ke kgatlhwa ke go dira tse di go natefelang, Modimo wa me; molao wa gago o mo teng ga me.”

10 Ke boletse pholoso ya gago ka boitumelo mo phuthegong e kgolo. Bona, ga nka ke ka itshwara molomo, go itse wena, Morena.

11 Ga ke fitlhe tshiamo ya gago mo teng ga pelo ya me. Ke bolela boikanyego jwa gago le pholoso ya gago. Phuthego e kgolo ga ke e lobele bopelotlhomogi jwa gago le boammaaruri jwa gago.

12 Wena Morena, ga o kitla o ntlhokisa kutlwelo-botlhoko ya gago. Bopelotlhomogi jwa gago le boammaaruri jwa gago di tla mpoloka ka gale.

13 Gonne masula a a se nang palo a ntsentse gare; melato ya me e ntshwere, ke tshaba go e leba; e feta dithiri tsa tlhogo ya me, pelo ya me e ntlogetse.

14 Morena, a o ko o kgatlhwe ke go nkgolola; Morena, a o ko o itlhaganele go nthusa.

15 Botlhe ba ba batlang bophelo jwa me go bo senya a ba tlhajwe ke ditlhong, ba sosobane mmogo. Ba ba itumelelang tlalelo ya me a ba kate ka morago, ba tlhajwe ke kgala.

16 Ba ba nthayang ba re: “Ahee, ahee!” a ba rerege ka ntlha ya ditlhong tsa bona.

17 Botlhe ba ba go batlang a ba go itumelele, ba ipele; ba ba ratang pholoso ya gago a ba bue ka gale ba re: “Morena o mogolo.”

18 Le fa nna ke le mmogisegi le mohumanegi, Morena o tla ntlamela. Ke wena thuso ya me le mogolodi wa me. Modimo wa me, se diege.

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan