Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Lipesalema 4 - Setswana 1970


Sefela sa maitsiboa

1 Pesalome ya ga Dafita e e kwaletsweng moopedisi; e opedisiwe ka kwadi ya dithapo.

2 Fa ke bitsa o nkutlwe, Modimo wa tshiamo ya me! Mo pitlaganong ya me o nkatlhamoloseditse bonno; ntlhomogele pelo, o utlwe thapelo ya me!

3 Lona banna, tlotlo ya me e tla nna tshotlo goleele go le kae? Lo tla rata boithamako le go batla maaka goleele go le kae? Sela.

4 Itseng gore Morena o itlhaoletse yo o mo kgatlhang. Morena o a utlwa fa ke tlhaeleletsa go ena.

5 Galefang, mme lo se leofe; buang ka dipelo tsa lona mo malaong a lona, mme lo didimale. Sela.

6 Tlhabang ditlhabelo tsa nnete, lo ikanye Morena.

7 Ba bantsi ba re: “Ke mang yo o re bontshang se se molemo? Morena, re sedifaletse ka lesedi la sefatlhego sa gago.”

8 Pelo ya me o e tladitse boitumelo jo bo fetang jwa bona, jwa letlotlo la mabele le la bojalwa.

9 Ke tla ya go lala ka kagiso, ke thulamela; gonne ke wena Morena o le wesi yo o mphedisang mo kagisong.

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan