Lipesalema 39 - Setswana 1970Thapelo ya motho a le mo dithaelong 1 Pesalome ya ga Dafita e e kwaletsweng Jeduthune, moopedisi. 2 Ke rile: “Ke tla tlhokomela ditsela tsa me gore ke se leofe ka loleme lwa me; ke tla bofa molomo wa me ka mogala, ka moikepi a sa ntse a le fa pele ga me.” 3 Ke ne ke le semumu ka tidimalo; ke ne ke didimala, ke se na molomo, mme botlhoko jwa me jwa butsologa. 4 Pelo ya me e ne e gotela mo teng ga me, molelo o tuka ka go akanya ga me, ke bua ka loleme lwa me ka re: 5 “Morena, nkitsise bokhutlo jwa me, le selekanyo sa malatsi a me gore ke sefe, ke tle ke lemoge ka fa ke felang ka teng.” 6 Bona, o lekantse malatsi a me ka dikatlhamo tsa seatla; sebaka sa bophelo jwa me ga se sa sepe fa pele ga gago. Ee, motho mongwe le mongwe yo o leng teng ke wa lefelafela la mmatota. Sela. 7 Ruri, motho o tsamaya jaaka moriti, ruri ba itlhobaeletsa boithamako; o kgobela mahumo, mme ga a itse gore a tla jewa ke mang. 8 Mme jaanong, Morena, ke lebeletse eng? Tsholofelo ya me e mo go wena. 9 Nkgolole mo ditlolong tsa me tsotlhe, o se ka wa ntira kgobo ya masilo. 10 Ke didimetse, ga ke tswe molomo; gonne go dirile wena. 11 Tlosa petso ya gago mo go nna; ke nyelediwa ke titeo ya seatla sa gago. 12 Fa o watlhaya motho ka dipetso ka ntlha ya tshiamololo, o nyeletse bontle jwa gagwe jaaka motoutwana; ee, motho mongwe le mongwe ke pudulo fela. Sela. 13 Morena, utlwa thapelo ya me, o reetse go tlhaeletsa ga me; se didimalele dikeledi tsa me; gonne ke moeng fa go wena, ke mojaki jaaka borre botlhe. 14 Thibosa matlho a gago mo go nna gore ke itumele, ke ise ke tswe mono, ka nna yo o sa tlholeng a le teng. |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa