Lipesalema 38 - Setswana 1970Thapelo mo bolwetseng 1 Pesalome ya ga Dafita ya kgopotso mo tshupelong ya tebogo. 2 Morena, se nkgalemele ka bogale jwa gago, se nkwatlhae mo kgakalong ya gago. 3 Gonne metsu ya gago e ntsepame, seatla sa gago se nkgateletse. 4 Ga go na boitekanelo bope mo nameng ya me ka ntlha ya kgakalo ya gago, le e seng pholo epe mo marapong a me ka ntlha ya boleo jwa me. 5 Gonne ditshiamololo tsa me di khurumeditse tlhogo ya me; di nkimela jaaka morwalo o o bokete. 6 Dintho tsa ka di a nkga, di tswa boladu ka ntlha ya bosilo jwa me. 7 Ke koname, ke hutaganye gotlhe; ke tlhola ke tsamaya ke hutsafetse. 8 Gonne letheka la me le tletse ditlhabi; ga go na boitekanelo bope mo nameng ya me. 9 Ke koafetse, ke tapetegile gotlhe, ke dumisiwa ke phegelo ya pelo ya me. 10 Morena, tlhologelelo yotlhe ya ka e go senogetse; phegelo ya ka ga e a go fitlhegela. 11 Pelo ya me e a kubakuba, thata ya me e ntlogetse, lesedi la matlho a me le lone ga ke na nalo. 12 Ba ba nthatang le ditsala tsa me ba emetse petso ya me fa thoko, le losika lwa me lo emetse kwa kgakala. 13 Mme ba ba tsomang bophelo jwa me ba nthaisitse; ba ba batlang go ntsenya mo tlalelong ba rera tatlhego ya ka, ba ntse ba akanya tsietso letsatsi lotlhe. 14 Mme nna ke ntse jaaka sesusu, ga ke utlwe; ke ntse jaaka semumu se se sa tsweng molomo. 15 Ee, ke tshwana le monna yo o sa utlweng, yo go se nang kganetso mo molomong wa gagwe. 16 Gonne ke lebeletse wena, Morena o tla araba, Morena, Modimo wa me. 17 Kana ke rile: “A ba ba inkgodisetsang ba se itumele ka nna, fa lonao lwa ka lo theekela.” 18 Gonne ke gaufi le go wa; botlhoko jwa ka bo ntse bo mpolaya ka gale. 19 Ee, ke ipobola molato wa ka, ke itshôla ka ntlha ya boleo jwa ka. 20 Mme baba ba me ba tlhaga, e bile ba thata, le ba ba ntlhoileng fela ba ntsifetse. 21 Le ba ba ntuelang molemo ka bosula ba emelanye le nna, ka ke latelela se se molemo. 22 O se ka wa ntlogela, Morena; o se ka wa nna kgakala le nna, Modimo wa me. 23 A o ko o itlhaganele go nthusa, Morena, Mopholosi wa ka. |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa