Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Lipesalema 37 - Setswana 1970


Letlhogonolo la moikepi ga se la nnete

1 Pesalome ya ga Dafita. O se ka wa tlhodiega ka ga badirabosula; o se ka wa fufegele ba ba dirang tse di sa siamang.

2 Gonne ba omelela ka bonako jaaka bojang; ba swaba jaaka matlhogela a matalana.

3 Ikanye Morena, o dire se se molemo; aga mo lefatsheng, o ikanyege;

4 o natefelwe ke Morena, mme o tla go naya dikeletso tsa pelo ya gago.

5 Laolela Morena tsela ya gago, o mo ikanye, ena o tla dirafatsa;

6 o tla phatsimisa tshiamo ya gago jaaka lesedi, le tshiamelo ya gago jaaka motshegare.

7 Didimalela Morena, o mo lebelele. O se ka wa ngongoregela yo o sego mo tseleng ya gagwe, le monna yo o dirafatsang maano a boferefere.

8 Lesa bogale, o tlogele kgakalo; o se ka wa tuka bogale; bo isa bosuleng.

9 Gonne badirabosula ba tla nyelediwa; mme ba ba lebeletseng Morena bona ba tla rua lefatshe.

10 Go sa le sebakanyana fela moikepi o tla ba a se yo; fa o tlhokomela felo ga gagwe, ga o kitla o mo fitlhela.

11 Mme ba ba pelonomi bona ba tla rua lefatshe, ba natefelwa ke letlotlo la kagiso.

12 Moikepi o logela mosiami maano, a mo šenele meno.

13 Morena o a mo tshega, ka a bona gore letsatsi la gagwe le a atamela.

14 Baikepi ba somotse lerumo, ba oba bora jwa bona go diga motlalelwi le mohumanegi, le go bolaya ba motsamao o o lolameng.

15 Marumo a bona a tla tlhaba dipelo tsa bona ka bosi, le mara a bona a tla rojwa.

16 Bobotlana jwa mosiami bo gaisa letlotlo la baikepi ba bantsi.

17 Gonne mabogo a baikepi a tla rojwa; mme yo o tshegetsang basiami ke Morena.

18 Morena o itse malatsi a ba ba tlhamaletseng; boswa jwa bona bo tla nna ka bosakhutleng.

19 Ga ba nke ba tlhajwa ke ditlhong mo motlheng o o bosula; mo malatsing a tlala ba tla kgora.

20 Mme baikepi ba tla latlhega; baba ba Morena ba ba ntseng jaaka bontle jwa bofulo ba nyeletse, ba fedile jaaka musi.

21 Moikepi o a adima, mme a se ke a buse; mme mosiami ena o pelonomi, o a fa.

22 Gonne ba ba tshegofadiwang ke ena ba tla rua lefatshe; mme ba ba hutsiwang ke ena bona ba tla nyelediwa.

23 Morena o tlhomamisa dikgato tsa monna, fa a kgatlhwa ke tsela ya gagwe.

24 Le fa a ka wa, ga a wele ruri; gonne Morena o tshwere seatla sa gagwe.

25 Ke ne ke le lekau, mme jaanong ke tsofetse. Mme ga ke ise nke ke bone mosiami a tlogetswe, le fa e le bana ba gagwe ba kopa dijo.

26 O tlhola a atswa, a adima ka metlha yotlhe, mme losika lwa gagwe lo tshegofale.

27 Thibogela bosula, o dire molemo, mme o tla aga ka bosakhutleng;

28 gonne Morena o rata tshiamo; ga a tlogele baitshepi ba gagwe, mme ba bolokwa ka bosakhutleng. Losika lwa badirabosula lo a nyelediwa.

29 Basiami ba tla rua lefatshe, ba agela ruri mo go lone.

30 Molomo wa mosiami o bolela tsa botlhale; loleme lwa gagwe lo bua se se siameng.

31 Molao wa Modimo wa gagwe o mo pelong ya gagwe; dikgato tsa gagwe ga di theekele.

32 Moikepi o laletse mosiami, o batla go mmolaya.

33 Mme Morena ga a mo leseletse go wela mo seatleng sa gagwe, le e seng go mmona molato, fa a sekisiwa ke moikepi.

34 Lebelela Morena, o tshware tsela ya gagwe, mme o tla go godisa gore o rue lefatshe. O tla bona ka kgatlhego, fa baikepi ba nyelediwa.

35 Ke bonye moikepi wa mogateledi; a nama jaaka setlhare se setala sa naga.

36 E rile ke feta gape, a bo a se yo; ya re ke mmatla, a se ka a bonala.

37 Ela modumedi tlhoko, o lebe mosiami; gonne motho wa kagiso o na le botswelelopele.

38 Mme batlodi bona ba tla senngwa mmogo; botswelelopele jwa baikepi bo tla nyelediwa.

39 Thuso ya basiami e tswa go Morena; ke ena botshabelo jwa bona mo motlheng wa tlalelo.

40 Morena o a thusa, a ba namolele; o ba namolela mo baikeping, a ba pholose, ka ba mo ikanya.

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan