Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Lipesalema 36 - Setswana 1970


Bopelontle jwa Modimo bo molemolemo jang ne!

1 Pesalome ya ga Dafita, motlhanka wa Morena, e e kwaletsweng moopedisi.

2 Mosenyi a re: “Maikaelelo a ka ke go senya.” Go tshoga Modimo ga a go itse.

3 Gonne o ikgatlha ka esi, a ithaya a re, molato wa gagwe ga o kitla o bonwa le e seng go tlhoiwa.

4 Mafoko a molomo a gagwe ke boikepo le tsietso; o gana go dira tsa botlhale le tse di molemo.

5 O akanya boikepo mo bolaong jwa gagwe; o ikemisa mo tseleng e e seng molemo; bosula ga a bo tlhoe.

6 Morena, bopelontle jwa gago bo fitlha kwa magodimong; boikanyego jwa gago bo fitlha kwa marung.

7 Tshiamo ya gago e ntse jaaka dithaba tsa Modimo; dikatlholo tsa gago ke boteng jo bogolo jwa metsi. Morena, o thusa batho le diphedi.

8 Kana bopelontle jwa gago, Modimo, bo molemolemo jang ne! Bana ba batho ba tshabele mo moriting wa diphuka tsa gago.

9 Ba ja monate wa monono wa Ntlo ya gago; o ba nosa mo nokeng ya dinatefo tsa gago.

10 Gonne motswedi wa bophelo o fa go wena; re bona lesedi ka lesedi la gago.

11 Tsweletsa bopelontle jwa gago mo go bona ba ba go itseng, le tshiamo ya gago mo go bona ba ba dipelo di tlhamaletseng.

12 A lonao lwa boikgantsho lo se nkgate, a diatla tsa baikepi di se nteleke.

13 Foo badiradibe ba tla bo ba ole, ba digilwe, mme ba tla palelwa ke go tsoga.

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan