Lipesalema 35 - Setswana 1970Dafita o rapela Modimo gore o betse baikepi 1 Pesalome ya ga Dafita. Morena, ganetsa ba ba nkganetsang; tlhabana le ba ba tlhabanang le nna. 2 Tsaya thejana le thebe, mme o nanogele thusong ya me. 3 Somola lerumo o thibelele babogisi ba me tsela; raya mowa wa me o re: “Ke nna pholoso ya gago.” 4 Ba ba batlang go mpolaya, a ba tlhajwe ke ditlhong, ba nyatsege; ba ba logang maano go ntirela kotsi, a ba busediwe kwa morago, ba sosobane. 5 A ba nne jaaka moko mo phefong, a moengele wa Morena a tle a ba kgophole. 6 A tsela ya bona e nne lefifi le boreledi, fa moengele wa Morena a ba leleka. 7 Gonne ba nkaletse letloa la bona ka bomo mo sephiring, ba nkepela lemena kwa ntle ga molato. 8 A tshenyego e mo wele a sa itse; a letloa le a le adileng sephiring le tshware ene; a a wele mo gopong ka esi. 9 Foo mowa wa me o tla ipela mo Moreneng, o itumelela thuso ya gagwe. 10 Marapo a me otlhe a tla re: “Morena, ke mang yo o tshwanang nao, yo o gololang motlhomolapelo mo go yo o mo fetang ka thata, le motho wa batho le mohumanegi mo go yo o mo thukhuthang?” 11 Go tsoga basupi ba pateletso, ba mpotsa se ke sa se itseng. 12 Ba ntuela molemo ka bosula; ke nosi fela. 13 Mme nna, e rile ba lwala, ka apara kgetse, ka bogisa mowa wa me ka go itima dijo; mme thapelo ya me e boetse sehubeng sa me. 14 Ke boaboetse jaaka e kete ke tsala ya me, e kete ke ngwana wa ga rre; ke tsamaile ke tlhoname ka bohutsana jaaka motho yo o lelelang mmaagwe. 15 Mme koô ya me ba a e itumelela, ba a phuthega; basotli le ba ke sa ba itseng ba a nkgobokanela, ba a kgoba, ga ba didimale. 16 Le ba e seng ba sepe ba a sotlasotla, ba ntšhenela meno. 17 Morena, o tla leba fela sebaka se se kana kang? Falodisa mowa wa me mo ditshenyong tsa bona, o o osi wa me mo ditawaneng. 18 Ke tla go leboga mo phuthegong e kgolo, ke go baka mo bathong ba bantsi. 19 Ba e leng baba ba me, ba se na lebaka, a ba se intumelele; a ba ba ntlhoileng ka bomo fela ba se getle ka leitlho. 20 Gonne ga ba bue kagiso, ba akanya mafoko a tsietso ka ga badidimadi mo lefatsheng. 21 Ba nkatlhamiseditse melomo ba re: “Ahee, ahee, matlho a rona a bonye!” 22 Wena Morena o bonye; o se ka wa didimala; Morena, o se ka wa nna kgakala le nna. 23 Thanya o nanogele go nkatlholela mo tshekong ya me, Modimo wa me le Morena wa me. 24 Nkatlhola ka fa tshiamong ya gago, Morena, Modimo wa me, gore ba se itumele ka nna, 25 ba se bue mo dipelong tsa bona ba re: “Ahee, re rata jalo!” ba se re: “Re mo meditse.” 26 A ba ba itumelelang tlalelo ya me ba tlhajwe ke ditlhong, ba sosobane mmogo. A ba ba inkgodisetsang ba apesiwe nyatsego le ditlhong. 27 A ba ba natefelwang ke tshiamo ya me ba ipele, ba itumele, ba bue ka gale ba re: “Morena o mogolo yo o kgatlhwang ke kagiso ya motlhanka wa gagwe.” 28 Mme loleme lwa me lo tla bolela tshiamo ya gago le pako ya gago letsatsi lotlhe. |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa