Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Lipesalema 34 - Setswana 1970


Morena o femela modumedi

1 Pesalome ya ga Dafita, e a e kwadileng jale, fa a itira setsenwa fa pele ga Abimelege, yo o neng a mo leleka, mme a tsamaya.

2 Ke rata go baka Morena ka metlha yotlhe, tumiso ya gagwe e tla nna mo molomong wa me ka gale.

3 Mowa wa me o tla ipelafatsa ka Morena. Baitshoki ba tla utlwa, ba itumela.

4 Godisang Morena le nna, a re tlotlomatseng leina la gagwe mmogo.

5 Ke ne ka batla Morena, mme a nkaraba, a ba a nkgolola mo dipoifong tsotlhe tsa me.

6 Ba ba lebileng ena ba galalela difatlhego, mme difatlhego tsa bona ga di kitla di sosobana.

7 Motho yo wa batho o biditse, mme Morena a utlwa, a mo thusa mo ditlalelong tsotlhe tsa gagwe.

8 Moengele wa Morena o thibelela tikologong ya bona ba ba mmoifang, a ba golola.

9 Lekang lo bone, fa Morena a le molemo; go sego monna yo o itiketsang ka ene.

10 Boifang Morena, lona baitshepi ba gagwe; gonne ba ba mmoifang ga ba nke ba tlhoka sepe.

11 Ditawana di a tlhoka, di bolawa ke tlala; mme ba ba batlang Morena bona ga ba kitla ba tlhoka molemo ope.

12 Bana ke lona, tlayang lo ntheetse! Ke rata go lo ruta go boifa Morena.

13 Motho ke ofe yo o eletsang bophelo, a rata bontsi jwa malatsi gore a tle a bone molemo?

14 Thibela loleme lwa gago mo bosuleng, le molomo wa gago gore o se ka wa bua tsietso.

15 Thibogela bosula, o dire molemo; batla kagiso, o bo o e latelele.

16 Matlho a Morena a lebile ba ba mmoifang; ditsebe tsa gagwe di sekegetswe go lelela thuso ga bona.

17 Sefatlhego sa Morena se kgatlhanong le ba ba dirang bosula gore a fedise go gopolwa ga bona mo lefatsheng.

18 Basiami ba biditse, mme Morena a utlwa, a ba golola mo ditlalelong tsotlhe tsa bona.

19 Morena o gaufi le ba ba pelo di thubegileng, o pholosa ba ba mewa e kgobegileng.

20 Dipogo tsa mosiami di dintsi, mme Morena o di mo namolela tsotlhe.

21 O boloka marapo otlhe a gagwe, ga go lepe la ona le le robiwang.

22 Bosula bo bolaya moikepi; ba ba tlhoileng mosiami ba tla bonwa molato.

23 Morena o golola mewa ya batlhanka ba gagwe; botlhe ba ba mo ikanyang ga ba kitla ba bonwa molato.

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan