Lipesalema 33 - Setswana 1970Sefela sa go opelela Mong-wa-thata-yotlhe. Bopelontle jwa Modimo le boitshwarelo jwa ona 1 Lona basiami, dudueletsang Morena, sefela sa pako se tshwanetse batlhamaladi. 2 Bakang Morena ka kitara, lo mo opelele ka harepa e e dithapo di le some. 3 Mo opeleleng sefela se sešwa, letsang sentle ka tumo e kgolo; 4 gonne lefoko la Morena ke nnete, le go dira gotlhe ga gagwe go a ikanyega. 5 O rata tshiamo le molao; lefatshe lotlhe le tletse bopelotlhomogi jwa Morena. 6 Magodimo a dirilwe ka lefoko la Morena, le lesomo lotlhe la ona ka mowa wa molomo wa gagwe. 7 O kgobokanya metsi a lewatle e kete mo lekukeng, o tsenya merwalela mo difaleng. 8 A lefatshe lotlhe le boife Morena, a botlhe ba ba agileng mo lefatsheng ba rorome fa pele ga gagwe. 9 Gonne o buile, mme ga direga; a laola, ga ba ga nna teng. 10 Morena o nyeleditse kgakololo ya ditšhaba, a senya maano a merafe. 11 Kgakololo ya Morena e tlhomame ka bosakhutleng, le maano a pelo ya gagwe go ya tshikatshikeng. 12 Go sego morafe o Morena e leng Modimo wa ona, batho ba a ba itlhaoletseng go nna boswa jwa gagwe. 13 Morena o leba a le mo legodimong, o bona bana ba batho botlhe; 14 a le mo felong ga boago jwa gagwe, o lebile botlhe ba ba agileng mo lefatsheng; 15 ena yo o bopileng dipelo tsa bona botlhe, yo o tlhokometseng ditiro tsotlhe tsa bona. 16 Kgosi ga e fenye ka mophato o mogolo; mogale ga a pholosiwe ka thata e kgolo. 17 Pitse ga e ikanyege go ka isa phenyong; ga e ka ke ya pholosa ope ka thata e kgolo ya yona. 18 Bonang, leitlho la Morena le lebile bona ba ba mmoifang, bona ba ba lebeletseng bopelontle jwa gagwe, 19 gore a pholose maphelo a bone mo losong, le go ba phedisa, fa ba le mo tlaleng. 20 Mewa ya rona e lebeletse Morena; ke ena thuso ya rona le thebe ya rona. 21 Gonne dipelo tsa rona di itumela mo go ena, ka re ikanya leina le le boitshepo la gagwe. 22 Morena, a bopelontle jwa gago bo nne mo go rona, fela ka fa re go lebeletseng ka teng. |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa