Lipesalema 31 - Setswana 1970Selelo le thapelo le tebogo 1 Pesalome ya ga Dafita e e kwaletsweng moopedisi. 2 Ke ikanya wena, Morena; a ke se ka ka tlhajwa ke ditlhong ka bosakhutleng; nkgolola ka tshiamo ya gago. 3 Ntshekegele tsebe, o nkgolole ka bonako; o nne lefika la me la botshabelo le ntlo ya phemelo kwa thabeng ya go nthusa. 4 Gonne ke wena lefika la me le botshabelo jwa me; ka moo o nkgoge, o ntsamaise ka ntlha ya leina la gago. 5 O tla ntshwatola mo letloeng le ba nthaisitseng ka lone mo sephiring; gonne ke wena botshabelo jwa me. 6 Ke neela mowa wa me mo seatleng sa gago, ke wena yo o nkgolotseng, Morena, Modimo o o ikanyegang. 7 O ila ba ba direlang medimo ya boithamako, mme nna ke ikanya Morena. 8 Ke tla duduetsa, ke itumela ka ntlha ya bopelontle jwa gago, ka o bonye pogisego ya me, wa ba wa tlhokomela mowa wa me mo ditlalelong. 9 Mme ga o a ka wa ntsenya mo seatleng sa mmaba; dinao tsa me o di tlhomile mo patlelong e e atlhameng. 10 Nkutlwele botlhoko, Morena, gonne ke pitlagantswe; leitlho la me le mowa wa me le mmele wa me di tlhontse ka bohutsana. 11 Gonne bophelo jwa me bo fedisiwa ke tshwenyego, le dinyaga tsa me ke phegelo; thata ya me e reketla ka ntlha ya tshiamololo ya me, marapo a me a a kgobega. 12 Ke nyatsegile mo baganetsing ba me botlhe, bogolo mo go ba ke bapileng nabo, ka nna yo o tshosang mo go ba ke itsanyeng nabo. Ba ba mponang kwa mmileng ba a ntshaba. 13 Ke lebetswe mo pelong jaaka moswi; ke ntse jaaka nkgwana e e thubegileng. 14 Gonne ke utlwa kgalo ya batho ba le bantsi. Poitshego e ntlheng tsotlhe, ka ba gakololana ka ga me; ba ikaeletse go mpolaya. 15 Mme nna ke ikantse wena, Morena, ka re: “O Modimo wa me.” 16 Sebaka sa me se mo seatleng sa gago. Nkgolole mo diatleng tsa baba ba me le mo go ba ba ntelekileng. 17 Phatsimisetsa motlhanka wa gago sefatlhego sa gago, o nthuse ka boutlwelo-botlhoko jwa gago. 18 Morena, se ntese ka tlhajwa ke ditlhong, gonne ke goela kwa go wena. A baikepi ba tlhajwe ke ditlhong, a ba tlhoke puo kwa felong ga baswi. 19 A melomo ya maaka e didimadiwe, e e buang ka makgakga ka ga mosiami ka boikgantsho le lenyatso. 20 Kana molemo wa gago o mogolo jang, o ò o boloketseng ba ba go boifang, wa o direla bona ba ba go ikanyang fa pele ga bana ba batho. 21 O ba fitlha mo botikelong jwa sefatlhego sa gago ka ntlha ya dikhuduo tsa batho; o ba fitlha mo motlaaganeng gore ba se ka ba angwa ke dikgantsho tsa diteme. 22 A Morena a bakwe, ka a ntiretse boutlwelo-botlhoko jwa gagwe ka mokgwa o o gakgamatsang mo motseng o o thata. 23 Le gale nna, e rile ke tshoga, ka re: “Ke kgaotswe, ke tlositswe fa pele ga matlho a gago.” Mme ruri, ya re ke goela thuso kwa go wena, wa utlwa selelo sa mekokotlelo ya me. 24 Ratang Morena, lona lotlhe baratiwa ba gagwe. Morena o boloka ba ba ikanyegang; mme o duela ka botlalo ene yo o dirang ka boikgantsho. 25 Nametsegang, mme a dipelo tsa lona di natlafale, lona lotlhe ba lo lebelelang Morena. |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa