Lipesalema 30 - Setswana 1970Bogale jwa Modimo ke jwa sebakanyana, mme molemo wa ona ke wa bosakhutleng 1 Pesalome ya ga Dafita. Sefela sa kgakolo ya Tempele. 2 Ke tla go godisa, Morena; gonne o ntshwatotse, mme ga o a ka wa leseletsa baba ba me go itumela ka ga me. 3 Morena, Modimo wa me, ke goetse thuso kwa go wena, mme o mphodisitse. 4 Morena, o tlhatlositse mowa wa me mo felong ga baswi, o mphedisitse ke le mo go bona ba ba fologelang mo moleteng. 5 Opelelang Morena, lona baratwi ba gagwe, lo bake segopotso sa boitshepo jwa gagwe. 6 Gonne bogale jwa gagwe ke jwa sebakanyana, mme bopelontle jwa gagwe ke jwa bophelo jotlhe. Maitsiboa go lale go le selelo, mme mo mosong go tsoge go le boitumelo. 7 Mo boiketlong jwa me ke itheile ka re: “Ga nkitla ke tshikinyega ka bosenabokhutlo.” 8 Morena, e rile o intumelela, wa nkemisa mo thabeng ya me e e thata; mme ya re o fitlha sefatlhego sa gago, ka tshoga. 9 Ka goela kwa go wena, Morena, ka kopa Morena ka mekokotlelo ka re: 10 “Go tla go thusa eng, fa madi a me a tshololwa, ke fologela mo lebitleng? A lerole le ka go baka, a le ka bolela boammaaruri jwa gago? 11 Utlwa, Morena, o ntlhomogele pelo; Morena, o nne mothusi wa me.” 12 Selelo sa me o se mphetoletse pina, o nkapotse lesela la khutsafalo, wa ntlama ka boitumelo 13 gore kgalalelo ya me e go opelele pako, mme e se didimale. Morena, Modimo wa me, ke tla go leboga ka bosakhutleng. |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa