Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Lipesalema 3 - Setswana 1970


Sefela sa mo mosong

1 Pesalome ya ga Dafita ya sebaka sa fa a tshaba Abesalomo morwawe.

2 Morena, kana baganetsi ba me ba atile jang! Ba bantsi ba ba ntsogelang,

3 ba bantsi ba ba buang ka ga me ba re: “Ga a na thuso epe mo Modimong.” Sela.

4 Mme wena, Morena, o thebe e e ntshireletsang, o tlotlo ya me le motsholetsi wa tlhogo ya me.

5 Ke tlhaeleleditse thata go Morena, mme a nkutlwa, a le mo thabeng ya gagwe e e boitshepo. Sela.

6 Ke ne ka rapama, ka robala; ka ba ka thanya; gonne Morena o a nkokotletsa.

7 Ga nkitla ke boifa dikete tse di masome tsa batho ba ba ntsogetseng ba ntikanyeditse.

8 Tloga o eme, Morena; mpholose, Modimo wa me! Gonne o iteile baba ba me botlhe mo lotlhaeng, o robile meno a baikepi.

9 Pholoso e mo Moreneng; tshegofatso ya gago e okame morafe wa gago. Sela.

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan