Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Lipesalema 29 - Setswana 1970


Kgalalelo ya Modimo, fa maru a duma

1 Pesalome ya ga Dafita. Nayang Morena, lona bomorwa Modimo, nayang Morena tlotlo le thata.

2 Nayang Morena tlotlo e e tshwanetseng leina la gagwe; obamelang Morena lo kgabile ka tse di boitshepo.

3 Lentswe la Morena le mo godimo ga metsi; Modimo wa kgalalelo o dumisa maru. Morena o okame metsi a magolo.

4 Lentswe la Morena le thata, lentswe la Morena le a galalela.

5 Lentswe la Morena le robaganya ditlhare tsa mesetere. Ee, Morena o robaganya mesetere ya Lebanone.

6 O karagantsha Lebanone jaaka namane le Sirione jaaka poana ya nare.

7 Lentswe la Morena le a ratha, le ntshe kgabo ya molelo.

8 Lentswe la Morena le roromisa sekaka; Morena o roromisa sekaka sa Kateše.

9 Lentswe la Morena le tsadisa ditshephe, le fotlhe dikgwa, mme mo Tempeleng ya gagwe dilo tsotlhe di bua di re: “Kgalalelo!”

10 Morena o kile a okama Morwalela wa metsi, Morena o bile o ntse a dutse jalo e le kgosi ya bosakhutleng.

11 Morena o tla naya batho ba gagwe thata, Morena o tla tshegofatsa batho ba gagwe ka kagiso.

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan