Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Lipesalema 28 - Setswana 1970


Thapelo ya go gololwa

1 Pesalome ya ga Dafita. Ke tlhaeleletsa kwa go wena, Morena; se ntidimalele, lefika la me, e se re gongwe fa o ntidimalela, ka nna jaaka bona ba ba fologelang kwa felong ga baswi.

2 Utlwa lentswe la mekokotlelo ya me, fa ke goela thuso kwa go wena, fa ke tsholeletsa mabogo kwa tengteng ga Felo-fa-go-Boitshepo ga gago.

3 Se nkgogoreletse le badiradibe le basiamolodi ba ba buang kagiso le bangwe-ka-bona, etswe bosula bo le mo dipelong tsa bona.

4 Ba nee ka fa ditirong tsa bona le ka fa bosuleng jwa ditiro tsa bona; ba nee ka fa ditirong tsa diatla tsa bona, ba busetse se ba se dirileng.

5 E re ka ba sa tlhokomele ditiro tsa Morena le e seng tiro ya diatla tsa gagwe, o tla ba rutla, mme ga a kitla a ba aga gape.

6 A Morena a a bakwe; gonne o utlwile lentswe la mekokotlelo ya me.

7 Morena ke thata ya me le thebe ya me; pelo ya me e ne e mo ikanya, mme ka thusega; ka moo pelo ya me e a duduetsa, mme ke mo leboga ka sefela sa me.

8 Morena ke thata ya morafe wa gagwe le botshabelo jo bo pholosang jwa motlodiwa wa gagwe.

9 Thusa batho ba gago, o tshegofatse boswa jwa gago, o ba fudise, o bo o ba belege go ya bosakhutleng.

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan