Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Lipesalema 26 - Setswana 1970


Thapelo yo mokopa-thuso yo o se nang molato

1 Pesalome ya ga Dafita. Ntshiamisetsa, Morena, gonne ke ntse ke tsamaya ke se na molato, ke ikantse Morena ke sa tshikinyege.

2 Ntlhotlhomise, Morena, o nkeleke; tlhatlhoba diphilo tsa me le pelo ya me.

3 Gonne bopelotlhomogi jwa gago bo fa pele ga matlho a me, mme ke tsamaya mo boaammaaruring jwa gago.

4 Ga ke nne le batho ba maaka, ga ke phele le maferefere.

5 Ke ila phuthego ya basulafatsi, mme ga ke nne le baikepi.

6 Ke tlhapa diatla mo bosenangmolato, mme ke tla potologa aletare ya gago, Morena,

7 gore ke utlwatse lentswe la pako le go bolela dikgakgamatso tsotlhe tsa gago.

8 Morena, ke rata boago jwa Ntlo ya gago, e bong felo fa kgalalelo ya gago e agileng teng.

9 Se gogoreletse mowa wa me le baleofi, le e seng bophelo jwa me le batshololamadi;

10 ba go leng ditshenyo mo diatleng tsa bona, ba mabogo a a jang a bona a tletseng theko ya phaposo.

11 Mme nna ke tsamaya ke se na molato. Nkgolola, Morena, o be o intshwarele.

12 Lonao lwa me lo eme mo patlelong, ke tla tumisa Morena mo diphuthegong.

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan