Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Lipesalema 25 - Setswana 1970


Boitshwarelo le tshireletso

1 Pesalome ya ga Dafita. Ke tsholeletsa mowa wa me kwa go wena, Morena.

2 Modimo wa me, ke a go ikanya. A ke se tlhajwe ke ditlhong, a baba ba me ba se ntudueletse.

3 Ee, mo go botlhe ba ba go lebeletseng ga go ope yo o tla tlhajwang ke ditlhong. Ba ba tla tlhajwang ke ditlhong ke ba ba ikepang kwa ntle ga lebaka.

4 Morena, nkitsise ditsela tsa gago, o nthute ditselana tsa gago.

5 Ntsamaise mo boammaaruring jwa gago, o nthute; gonne ke wena Modimo wa pholoso ya me; ke lebeletse wena ka gale.

6 Morena, gopola mautlwelo-botlhoko a gago le maitshwarelo a gago, gonne a ntse a le teng ka bosenatshimologo.

7 O se ka wa gopola maleo a bokau jwa me le ditlolo tsa me. Nkgopole ka fa boitshwarelong jwa gago ka ntlha ya molemo wa gago, Morena.

8 Morena o molemo, ke wa nnete. Ke gona ka moo a rutang baleofi tsela.

9 Ba ba pelonolo o ba tsamaisa ka tshiamo; ba ba pelonolo o ba ruta tsela ya gagwe.

10 Ditselana tsotlhe tsa Morena ke tsa bopelotlhomogi le boammaaruri mo go bona ba ba bolokang kgolagano ya gagwe le ditshupo tsa gagwe.

11 Morena, intshwarele molato wa me ka ntlha ya leina la gago, gonne o mogolo.

12 Motho yo o boifang Morena ke mang? O tla mo ruta ka ga tsela e o tshwanetseng go e itlhaolela.

13 Ene ka esi o tla aga a le tlhogonolo; losika lwa gagwe lo tla rua lefatshe.

14 Morena o kopana le ba ba mmoifang, o ba itsise kgolagano ya gagwe.

15 Matlho a me a lebile Morena ka gale; gonne o tla ntsha dinao tsa me mo letloeng.

16 Retologela kwa go nna, o intshwarele; gonne ke nosi, mme ke tlaletswe.

17 Ditlalelo tsa pelo ya me di oketsegile thata. Nnamolela mo dipatikegong tsa me.

18 Leba tlalelo ya me le thekisego ya me, mme maleo a me o a intshwarele otlhe.

19 Leba baba ba me, gonne ba bantsi; ba ntlhoile ka letlhoo le le bolayang.

20 Boloka mowa wa me, o nkgolole. A ke se tlhajwe ke ditlhong, gonne ke a go ikanya.

21 A bosenamolato le nnete di mpoloke; gonne ke go lebeletse.

22 Modimo, golola Iseraele mo ditlalelong tsotlhe tsa gagwe.

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan