Lipesalema 24 - Setswana 1970Kgosi ya kgalalelo e a tsena 1 Pesalome ya ga Dafita. Lefatshe ke la Morena le tsotlhe tse di mo go lone; lefatshe le ba ba agileng mo go lone. 2 Gonne o le theile mo mawatleng, a le tlhomamisa mo dinokeng. 3 Ke mang yo o tla tlhatlogelang mo thabeng ya Morena? Ke mang yo o tla emang mo felong ga gagwe ga boitshepo? 4 Ke ena yo o diatla di phepa, yo o pelo e itshekileng; yo o sa lebiseng mowa wa gagwe kwa boithamakong, a sa ikanele maaka. 5 Ena yoo o tla amogela tshegofatso mo Moreneng le tshiamo mo Modimong wa pholoso ya gagwe. 6 Ke lone losika lwa ba ba o tlhokomelang, ba ba batlang sefatlhego sa gago, Modimo wa ga Jakobe. Sela. 7 Lona dikgoro, tsholetsang ditlhogo; lona mejako ya bogologolo tala, itsholetseng gore Kgosi ya kgalalelo e tsene. 8 Mme Kgosi ya kgalalelo ke mang? Ke Morena yo o thata, yo o bonatla, Morena, senatla mo tlhabanong. 9 Lona dikgoro, tsholetsang ditlhogo, ee, itsholetseng, lona mejako ya bosakhutleng, gore Kgosi ya kgalalelo e tsene. 10 Mme Kgosi eo ya kgalalelo ke mang? Ke Morena wa masomosomo – ke ena Kgosi ya kgalalelo. Sela. |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa