Lipesalema 23 - Setswana 1970Morena ke modisa wa me 1 Pesalome ya ga Dafita. Morena ke modisa wa me, ga nkitla ke tlhoka sepe. 2 O mpothisa mo mafulong a matalana, o nkgogela kwa metsing a tapoloso. 3 O lapolosa mowa wa me; o ntsamaisa mo ditseleng tsa tshiamo ka ntlha ya leina la gagwe. 4 Le fa ke tsamaya mo mogorogorong wa moriti wa loso, ga nkitla ke boifa bosula bope; gonne o na le nna. Tsamma ya gago le seikokotlelo sa gago di a nkgomotsa. 5 O baakanya bojelo fa pele ga me go lebagana le baba ba me; o ntlotsa tlhogo ka lookwane; senwelo sa me se tletse, se a penologa. 6 Ruri molemo le boitshwarelo di tla ntshala morago ka malatsi otlhe a bophelo jwa me; ke tla nna mo Ntlong ya Morena go ya bosakhutleng. |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa