Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Lipesalema 22 - Setswana 1970


Modimo wa me, o ntlogeletseng?

1 Pesalome ya ga Dafita e e kwaletsweng moopedisi ka moopelo wa: “Tshephe ya mahube.”

2 Modimo wa me, Modimo wa me, o ntlogeletseng, wa nna kgakala le thuso ya me, kgakala le mafoko a selelo se segolo sa me?

3 Modimo wa me, ke bitsa motshegare, mme ga o nkarabe; le mo bosigong ke a lela, mme ga ke gomotsege.

4 Etswe o le Moitshepi, wena yo o agileng mo dipakong tsa Iseraele.

5 Borraetsho ba ne ba go ikanya, ba ne ba ikanya, mme o ba golole.

6 Ba ne ba goela kwa go wena, mme ba pholosiwa; ba ne ba go ikanya, mme ba se ka ba tlhajwa ke ditlhong.

7 Mme nna ke seboko fela, ga ke motho; ke lesotlwa la batho le monyatsegi wa morafe.

8 Botlhe ba ba mponang ba sotla ka nna, ba petla melomo, ba thukhutha ditlhogo ba re:

9 “O pitiketse matshwenyego kwa Moreneng! A ene a mo golole, a mo pholose, fa a kgatlhwa ke ene.”

10 Ee, ke wena yo o nntshitseng mo mmeleng wa ga mme; wa ntapolosa mo mabeleng a ga mme.

11 Ke sa le ke latlhelwa mo go wena, fa ke tsalwa; o Modimo wa me go tswa botsalong jwa me.

12 Se nne kgakala le nna, gonne pitlagano e gaufi, mme ga go na mothusi.

13 Dipoo tse dintsi di ntikanyeditse; dipoo tse di thata tsa Basane di ntikile.

14 Di nkatlhamiseditse magano a tsona, jaaka tau e e gagolang, e e dumang.

15 Ke tsholotswe jaaka metsi, marapo otlhe a me a lokologile; pelo ya me e fetogile ya nna jaaka mmotu, e gakologile mo teng ga me.

16 Thata ya me e omeletse jaaka lengetana, loleme lwa me lo kgomaretse magalapa a me; mme o ntatsa mo loroleng lwa loso.

17 Gonne dintšwa di ntikanyeditse, lesomo la basenyi le ntsentse gare; ba phuntse diatla tsa me le dinao tsa me.

18 Nka bala marapo otlhe a me, mme bone ba a mpona, ba ntebile ba kgatlhega.

19 Ba kgaogana diaparo tsa me, mme kojwana ya me ba e tlhamela tengwa.

20 Mme wena, Morena, se nne kgakala le nna, wena thata ya me, itlhaganelele go nthusa.

21 Pholosa botshelo jwa me mo tšhakeng, botshelo jo bo nosi jwa me mo thateng ya ntšwa.

22 Nkgolole mo leganong la tau, o nkarabe (ka go mpholosa) mo dinakeng tsa dinare.

23 Ke rata go bolelela ba ga etsho leina la gago, ke go tumisa mo phuthegong:

24 “Lona ba lo boifang Morena, mo galaletseng; lona boora Jakobe lotlhe, mo tlotleng; lona boora Iseraele lotlhe, mmoifeng!

25 Gonne ga a ka a nyatsa tlalelo ya motlalelwi, le e seng go tenwa ke yona, le e seng go mo fitlhela sefatlhego, mme e rile a goela thuso kwa go ene, a mo ngoka.”

26 Pako ya me mo phuthegong e kgolo e tswa mo go wena. Maikano a me ke tla a dirafatsa fa pele ga bone ba ba mmoifang.

27 Ba ba pelonolo ba tla ja, ba kgora; ba ba batlang Morena ba tla mo galaletsa. A dipelo tsa lona di lapologe ka bosakhutleng!

28 Dikhutlo tsotlhe tsa lefatshe di tla gakologelwa, di boela kwa Moreneng, mme ditshika tsotlhe tsa merafe di tla obamela fa pele ga gago.

29 Gonne bogosi ke jwa Morena, o busa merafe.

30 Botlhe ba ba robetseng mo diphupung ba tla obamela ene fela; botlhe ba ba fologetseng kwa leroleng ba tla khubama fa pele ga gagwe, mme ke ene yo mowa wa me o mo phelelang.

31 Losika lo lo tlang lo tla mo direla; losika lo lo kwa pele lo tla bolelelwa ka ga Morena.

32 Ba tla tla ba itsise morafe o o tla tsalwang tshiamo ya gagwe gore Morena o dirile jalo.

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan