Lipesalema 21 - Setswana 1970Tebogo ya phenyo 1 Pesalome ya ga Dafita e e kwaletsweng moopedisi. 2 Morena, kgosi e itumelela thata ya gago, e dudueletsa thuso ya gago bogolo jang ne! 3 O e neile se pelo ya yona e se eletsang; ga o a ka wa gana kopo ya molomo wa yona. Sela. 4 Gonne o ne wa e kgatlhantsha ka ditshegofatso tsa molemo, wa e rwesa tlhogo ka serwalo sa gouta e ntlentle. 5 E kopile bophelo mo go wena, o bo e neile, botshelo jo boleele ka gale le ka bosakhutleng. 6 Tlotlo ya yona e kgolo ka thuso ya gago; o beile tlotlo le borena mo go yona. 7 Gonne o e beile go nna lesego le legolo thata ka bosakhutleng, wa e itumedisa ka boitumelo fa pele ga gago. 8 Gonne kgosi e ikanya Morena; mme ka bopelotlhomogi jwa Mogodimodimo ga e kitla e theekela. 9 Letsogo la gago le tla fitlha kwa babeng botlhe ba gago; letsogo le le jang le tla tshwara ba ba go tlhoileng. 10 O tla ba direla jaaka pesetso ya molelo, mogang o ipontshang. Morena o tla ba metsa mo bogaleng jwa gagwe, molelo o tla ba nyeletsa. 11 Leungo la bona o tla le nyeletsa, o le tlosa mo lefatsheng, le losika lwa bona mo baneng ba batho. 12 Ba ne ba go gopoletse bosula, ba go logetse maano, mme ba sa nonofa go a dirafatsa. 13 O tla ba hularisa ka go lebisa dithapo tsa bora jwa gago kwa difatlhegong tsa bona. 14 Morena, nanoga o bonale ka thata ya gago; mme re tla opelela bonatla jwa gago, re bo baka. |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa