Lipesalema 20 - Setswana 1970Thapelo ya go rapelela kgosi, fa e bololela ntweng 1 Pesalome ya ga Dafita e e kwaletsweng moopedisi. 2 A Morena a go utlwe ka letsatsi la tlalelo; a leina la Modimo wa ga Jakobe le go femele. 3 A a go romele thuso e e tswang mo Felong-ga-Boitshepo, a go kokotletse a le mo Sione. 4 A a gopole ditshupelo tsotlhe tsa gago tsa dijo; a be a itumelele setlhabelo sa gago sa phiso. Sela. 5 A a go neye se pelo ya gago e se eletsang, a dirafatse maikaelelo otlhe a gago. 6 Re tla dudueletsa phenyo ya gago, re tlhoma difoka ka leina la Modimo wa rona. A Morena a dirafatse dikopo tsotlhe tsa gago. 7 Jaanong ke itse gore Morena o thusa motlodiwa wa gagwe, a mo utlwa a le kwa legodimong le le boitshepo la gagwe ka thata e e pholosang ya letsogo le le jang la gagwe. 8 Bangwe ba boka dikoloi tsa tlhabano, ba bangwe ba boka dipitse; mme rona re baka leina la Morena, Modimo wa rona. 9 Bao, ba obegile ba wa; mme rona re tsogile re eme ka tlhomamo. 10 Morena, thusa kgosi, o re utlwe mogang re go bitsang. |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa