Lipesalema 2 - Setswana 1970Tlhabano le phenyo ya ga Mesia 1 Kana merafe e huduelang, ditšhaba di akanyetsang dilo tsa boithamako? 2 Dikgosi tsa lefatshe di a ikemisa le babusi ba nnela go logisanya maano a go lwa le Morena le Motlodiwa wa gagwe ba re: 3 “A re kgaoleng dikgole tsa bone, megala ya bone re e tlose mo go rona, re e latlhe!” 4 Ene yo o agileng mo legodimong o a tshega, Morena o a ba sotla. 5 Foo o tla bua nabo ka bogale jwa gagwe, o tla ba tshosa ka kgakalo ya gagwe: 6 “Mme nna, kana ke tlhomile kgosi ya me mo Sione, mo thabeng ya me e e boitshepo!” 7 Ke rata go bolela ka ga maikaelelo a Morena. O ntheile a re: “O morwaake, ke go tsetse kajeno. 8 Lopa mo go nna, mme ke tla go naya merafe go nna boswa jwa gago, le dikhutlo tsa lefatshe go nna leruo la gago. 9 O tla ba robaganya ka thobane ya tshipi; o tla ba thubaganya jaaka sejana sa letsopa.” 10 Ka moo he, tlhalefang, lona dikgosi; tlhagisiwang, lona baatlhodi ba lefatshe. 11 Direlang Morena ka poifo, lo duduetse ka thoromo. 12 Atlang Morwa gore a se ka a gakala, mme lwa latlhega mo tseleng. Gonne bogale jwa gagwe bo ka akofa jwa tuka. Go sego bona botlhe ba ba mo ikanyang. |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa