Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Lipesalema 19 - Setswana 1970


Itshenolo ya Modimo ka dilo tsa tlholego le ka lefoko

1 Pesalome ya ga Dafita e e kwaletsweng moopedisi.

2 Magodimo a bolela kgalalelo ya Modimo, phuthologo e rera tiro tsa ona.

3 Letsatsi le bilolela letsatsi le lengwe polelo, le bosigo bo utlwaletsa bosigo jo bongwe kitso.

4 Ga go na polelo le e seng mafoko; modumo wa tsona ga o utlwale.

5 Modumo wa ona magodimo o tswetse mo lefatsheng lotlhe, le mafoko a ona a fitlha kwa mafelelong a lefatshe; Modimo o beetse letsatsi tente kwa go ona magodimo.

6 Le tshwana le monyadi yo o tswang mo ntlwaneng ya borobalo ya gagwe, le itumelela go taboga tseleng ya lone jaaka mogale.

7 Le tswa kwa bokhutlong jwa magodimo, le dikologa go ya bokhutlong jo bongwe jwa ona, mme ga go sepe se se fitlhetsweng mogote wa lone.

8 Molao wa Morena o botlalo, o lapolosa mowa; tshupo ya Morena e a ikanyega, e tlhalefisa yo o sa tlhalefang.

9 Ditao tsa Morena di siame, di itumedisa pelo; taolo ya Morena e phepa, e bonesa matlho.

10 Go boifa Morena go itshekile, go bile go nnela ruri; tse Morena a di siamisitseng ke tsa nnete, di bile di siame tsotlhe.

11 Di eletsega bogolo go gouta le bontsi jwa gouta e ntlentle; di botshe bogolo go dinotshe, e bong mafura a tsona.

12 Le motlhanka wa gago o sedimosediwa ka tsona; go di tlhokomela go na le mosola o mogolo.

13 Ke mang yo o ka itemogang diphoso tsotlhe? Intshwarele tse di fitlhegileng.

14 Le gona thibela motlhanka wa gago mo maleong a boikgantsho, a a se ntaole. Foo ke tla nna mosiami, ke se na molato wa boleo jo bogolo.

15 A mafoko a molomo wa me le kakanyo ya pelo ya me di go kgatlhe, Morena, lefika la me le mogolodi wa me.

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan