Lipesalema 18 - Setswana 1970Sefela sa tebogo morago ga phenyo ( 2 Sam. 22 ) 1 Ya moopedisi. Pesalome ya ga Dafita, motlhanka wa Morena, yo o neng a tlhabela Morena sefela se, ka sebaka se Morena o neng a mo golola ka sona mo diatleng tsa baba botlhe ba gagwe le mo seatleng sa ga Saule. 2 Mme a re: “Ke go rata ka pelo yotlhe, Morena, thata ya me. 3 Morena ke lefika la me le phemelo ya me ya kwa thabeng le mogolodi wa me; ke Modimo wa me le lefika la phemelo la me, le ke tshabelang kwa go lone, le thebe ya me le lonaka lwa me lwa pholoso le kago ya phemelo ya me. 4 E a re fa ke bitsa Morena yo o bakwang, ke gololwe mo babeng ba me. 5 Makhubu a loso a ne a ntikanyeditse, dinoka tsa tatlhego di ne di mpoifisa. 6 Dikgole tsa felo ga baswi di ne di ntsentse gare le dithapo tsa loso tsa nkwela. 7 E rile ke pitlagantswe, ka lelela Moreneng, ka kuela Modimong wa me; wa utlwa lentswe la me o le mo Tempeleng ya ona, selelo sa me sa tla fa pele ga ona, sa tsena mo ditsebeng tsa ona. 8 Foo lefatshe la reketla, la roroma, metheo ya dithaba ya roroma, ya tshikinyega, ka o ne o galefile. 9 Ga kua musi, o tswa mo nkong ya ona, molelo wa tswa mo molomong wa ona o senya, magala a tswa mo go ona a tuka. 10 Wa sekamisa legodimo, wa fologa; lefifi la nna fa tlase ga dinao tsa ona. 11 O ne o palame Kerubime o fofa; o kala o le mo diphukeng tsa phefo. 12 Wa dira lefifi sesiro sa ona, le lefifi la metsi le maru a a maima wa di dira motlaagana o o itikanyeditseng ka ona. 13 Mo kgalalelong e e fa pele ga ona ga tswa maru a ona le sefako le magala a molelo. 14 Morena a dumisa maru kwa legodimong; Mogodimodimo a utlwatsa lentswe la gagwe, ga nna sefako le magala a molelo; 15 a hula metsu ya gagwe, a phatlalatsa baba; a rathisa tladi, a ba tshosa. 16 Mateng a lewatle a bonala, metheo ya lefatshe ya senoga ka ntlha ya kgalemo ya gago, Morena, ka ntlha ya go suma ga mowa wa nko ya gago. 17 O ne a ntsha letsogo a le kwa godimo, a ntshwara, a nkinola mo metsing a magolo. 18 A nkgolola mo babeng ba me ba ba thata le mo go ba ba ntlhoileng; gonne ba ne ba mpheta ka thata. 19 Ba nkwetse mo letsatsing la tlalelo ya me, mme Morena a nna seitsetsepelo sa me. 20 A nkgogela kwa ntle mo mafelong a a atlhameng, a nkgolola, ka gonne ke a mo kgatlha. 21 Morena o ne a ntuela ka fa tshiamong ya me, a mpusetsa ka fa boitshekong jwa diatla tsa me. 22 Gonne ke tshwere ditsela tsa Morena, mme ga ke a ka ka ikepa mo Modimong wa me. 23 Gonne tsotlhe tse di siameng fa pele ga ona, ke ntse ke di tlhokomela, mme ga ke a ka ka tlosa melao ya ona fa go nna. 24 Ke ne ke siame fa pele ga ona, ka itisa gore ke se nne molato. 25 Ka moo Morena a ntuela ka fa tshiamong ya me le ka fa boitshekong jwa diatla tsa me, jo bo fa pele ga matlho a gagwe. 26 O itshupa o le bopelotlhomogi mo go yo o tlhomogang pelo; o itshupa o le tlhamalalo mo monneng yo o tlhamaletseng. 27 O itshupa o le phepa mo go yo o phepa, mme mo molotsaneng o itshupa o le kgopo. 28 Gonne batho ba ba bogisiwang o ba direla kgololo; mme matlho a a mabela o a a kokobetsa. 29 Ee, o tukisa lobone lwa me; Morena, Modimo wa me o sedifatsa lefifi la me. 30 Gonne ke tlhasela lesomo la baba ka wena; ke tlola lobota ka Modimo wa me. 31 Tsela ya Modimo oo e itekanetse; lefoko la Morena le itshekile. Ke ene thebe ya botlhe ba ba mo ikanyang. 32 Gonne ke mang yo e leng Modimo fa e se Morena? Gape ke mang yo e leng lefika fa e se Modimo wa rona? 33 Ke ona Modimo o o ntlamang ka thata, o o dirang tsela ya me botlalo. 34 O dira dinao tsa me jaaka tsa tshephe, o nkemisa mo mafelong a me a a godimo. 35 O ruta diatla tsa me go tlhabana, gore mabogo a me a ba a obe bora jwa kgotlho. 36 O nneile thebe ya pholoso ya gago; letsogo le le jang la gago le ntshegeditse; go ikinamisa ga gago go ntira mogolo. 37 O atlhamolositse kgato ya me fa tlase ga me, malengana a me ga a a ka a temeka. 38 Ke lelekile baba ba me, ka ba tshwara, mme ga ke a ka ka boa ke ise ke ba nyeletse. 39 Ke ba thubakile, ba be ba retelelwa ke go tsoga; ba wetse fa tlase ga dinao tsa me. 40 O ntlamile ka thata go tlhabana; o dira gore bona ba ba ntsogetseng ba ikobe fa tlase ga me. 41 Le gona o tshabisitse baba ba me gore ba nkhularele; ba ba ntlhoileng ka ba nyeletsa. 42 Ba goela thuso, mme go se na mothusi ope; ba tlhaeleletsa kwa Moreneng, mme a se ka a ba araba. 43 Ke ne ka ba thuga jaaka lerole fa pele ga phefo, ka ba gelolela kwa ntle jaaka seretse sa mmila. 44 O nkgolotse mo dikganetsanyong tsa batho; o ntirile tlhogo ya merafe. Ke diretswe ke setšhaba se ke neng ke sa se itse. 45 E rile fela fa ba nkutlwela, ba tla go inkobela; bomorwa ditšhaba ba inneela ka go mpoifa. 46 Bomorwa baeng ba a koafala; ba a tla, ba roroma, ba tswa mo maiphitlhong a bona. 47 Morena o a phela. A go bakwe ene lefika la me. A go godisiwe Modimo wa pholoso ya me; 48 ona Modimo o o mpusolosetsang o tsenya batho mo taolong ya me; 49 o nkgolola mo babeng ba me ba ba bogale. Wena o nkgodisetsa ba ba ntsogelang, o nkgolola mo monneng yo o setlhogo. 50 Ke ka ntlha ya moo, Morena, ke ratang go go leboga mo merafeng le go opelela leina la gago pako. 51 Wena yo o nayang kgosi e o e beileng kgololo e kgolo, boitshwarelo o bo supetsa motlodiwa wa gago, e bong Dafita le losika lwa gagwe go ya bosakhutleng.” |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa