Lipesalema 17 - Setswana 1970Thapelo ya go gololwa 1 Thapelo ya ga Dafita. Morena, utlwa go rapelela tse di siameng, o tlhokomele go kua ga me; reetsa thapelo ya me e e seng ya molomo wa tsietso. 2 A tse di ntshiametseng di tswe mo go wena; a matlho a gago a lebe ka tshiamo. 3 O leka pelo ya me, o nkeleka mo bosigong, o a ntlhotlhomisa, mme ga o fitlhele tse di tlhabisang ditlhong mo go nna; le molomo wa me ga o senye. 4 Fa e le ditiro tsa batho, ke ila ditsela tsa mogateledi ka fa lefokong la molomo wa gago. 5 Dikgato tsa me di paleletse mo metlhaleng ya gago; dinao tsa me ga di a ka tsa theekela. 6 Ke goela kwa go wena, Modimo; gonne o a nkutlwa; ntshekegele tsebe, o reetse polelo ya me. 7 Supa maitshwarelo a gago ka mokgwa o o gakgamatsang, wena yo o gololang ba ba ikanyang letsogo le le jang la gago mo baganetsing ba bona. 8 Mpoloke jaaka thaka ya leitlho, o mphemele mo moriting wa diphuka tsa gago, 9 o mphemele mo baikeping ba ba nkgatelelang le mo babeng ba me ba ba ntikanyetsang go mpolaya. 10 Ba thatafaditse dipelo tsa bona; ba bua ka melomo ya bona ka boikgantsho. 11 Ba re dikanyeditse re ntse re tsamaya; ba re tlhomile matlho go re digela fa fatshe. 12 Ba tshwana le tau e e gakaletseng go gagola, le tawana e e laletseng fa e bobileng teng. 13 Nanoga, Morena, o ba kgatlhantshe, o ba digele fa fatshe. Mpholose mo moikeping ka tšhaka ya gago, 14 le mo banneng ka letsogo la gago, Morena, le mo banneng ba lefatshe, ba kabelo ya bona e leng mo bophelong jono, ba o tlatsang dimpa tsa bona lehumo la gago; bana ba bona ba a kgora, letlotlo la bona ba le tlogelela masea a bona. 15 Mme nna ke tla leba sefatlhego sa gago ke le mo tshiamong, ke tla kgora setshwano sa gago mogang ke thanyang. |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa