Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Lipesalema 16 - Setswana 1970


Modimo o molemo bogolo bogolo

1 Loboko lwa ga Dafita. Modimo, mpoloke, gonne ke ikanya wena!

2 Ke reile Morena ka re: “Ke wena Morena wa me, ga ke na molemo ope kwa ntle ga gago.”

3 Fa e le baitshepi ba ba mo lefatsheng, bona batlotlegi ke ba ba nkgatlhang.

4 Dipogo tsa bona ba ba ipatlelang medimo e sele di tla ntsifala. Ga nkitla ke e isetsa ditshupelo tsa madi, le e seng go bua maina a yona ka molomo wa me.

5 Morena ke kabelo ya boswa jwa me, le ya senwelo sa me; o tshegeditse kabelo ya me.

6 Melelwane e ntiteetse ka fa mafelong a a monate. Ee, ke na le boswa jo bontle.

7 Ke tla baka Morena yo o nkgakolotseng. Ee, le mo bosigong diphilo tsa me di a nkaela.

8 Ke ntse ke emisitse Morena fa pele ga matlho a me; ga nkitla ke tshikinyega, ka a nkeme ka fa letsogong le le jang.

9 Ka moo pelo ya me e a itumela, le mowa wa me o a ipela; mmele wa me le ona o tla ikhutsa o iketlile.

10 Gonne ga o kitla o tlogela mowa wa me go tsena mo bobipong, le e seng go leseletsa moitshepi wa gago go bona go bola.

11 O tla nkitsise tsela ya bophelo; go kgora boitumelo, go fa pele ga sefatlhego sa gago, le go ja monate fa letsogong le le jang la gago ka bosakhutleng.

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan